Lekgotla la ditlhopo monela marulana pele
05 Jul 2018
Mogolwane go tswa kwa ofising ya lephata le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopo (IEC), Rre Isaac Koogotsitse o boleletse makhanselara a Kgalagadi gore lephata la gagwe le semeletse go ipaakanyetsa ditlhopo tsa setshaba tsa ngwaga o o tlang.
O buile mafoko a mo phuthegong ya khansele kwa a neng a lekodisa makhanselara ka ipaakanyo e ba tsweletseng ka yone bosheng.
Rre Koogotsitse o tlhalositse fa ba tsamaya ba buisana le ba-na-le seabe botlhe mabapi le ipaakanyetso ditlhopo tsa ngwaga o o tlang ka jaana nako e ile.
O boletse fa ba netefatsa gore didirisiwa di tshwana le dipalamo, batlhophisi le mafelo a a yang go dirisiwa go tlhopha di tlaa bo di le mo seemomng se se siameng fa nako ya ditlhopo e goroga.
A re ba tsweletse ka go hira batho ba ba tlaa bong ba kwadisa setshaba go simolola ka Lwetse e tlhola gararo go tsena Ngwanatsele a le lesome le bongwe.
A re go tlaa bo go sena malatsi a a okediwang a ikwadiso mme a re ke ka moo go leng botlhokwa gore ba-na-le seabe botlhe ba rotloetse setshaba go ikwadisa ka nako.
Rre Koosaletse a re ere le ntswa go ise go bewe letsatsi la ditlhopo e bile go santse go na le dikgang dingwe kwa makgotleng a ditsheko, ba bone go le botlhokwa go ipaakanya ka gore le fa go ka nna jang, lefatshe la Botswana le tshwanetse go ya ditlhopong ngwaga o o tlang.
O tlhalositse fa go le phoso go beela motho karata ya ikwadiso le Omang.
A re go dira jalo ke molato o motho a ka o atlholelwang dikgwedi tse thataro mo kgolegelong, madi a a sa feteng sekete sa dipula kana dikotlhao tseo tsotlhe.
O kopile ba-na-le seabe go ruta batho ka mosola wa ditlhopo ka jaana go tshwenya ka go lemosegile gore batho fa go na le ditlhopo tsa poeletso ga ba tlhope.
Mangwe a makhanselara ba supile fa ba le ’bete se molangwana mabapi le motshine o go tweng o tsile go dirisiwa mo ditlhophong, ba tlhalosa fa puso e ka bo e setse e o lekeleditse mo ditlhophong tsa poeletso go bona fa o bereka sentle.
Ba kopile gore puso e sekaseke kgang ya go oketsa nako ya ikwadiso ka jaana Batswana ka bontsi go lebega ba sa itse mosola wa go tlhopa.
Bangwe bone ba re o siame ka jaana o tlaa ntsha maduo ka nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefi
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 05 Jul 2018



