Khansele ga se botshamekelo - modulasetilo
05 Jul 2018
Makhanselara a Bokone Bophirima a kopilwe go tsaya tiro ya bone ka tlhoafalo ka jaana ba emetse morafe.
Ba kopile go tsena diphuthego tsa khansele ka nako le go emisa go mokgwa wa go ngwangwaela phuthego e ntse e tsweletse.
Kopo eo e dirilwe ke Modulasetilo wa khansele, Rre Duncan Enga fa a tswala phuthego ya khansele ka Laboraro.
Rre Enga o supile fa a tshwenngwa ke boitsholo jwa makhanselara mangwe a a sa tseyeng tiro ya bone ka tlhoafalo, a re gangwe le gape bangwe ba ngwega mo tirong fa bangwe ba natefelelwa ke go tla thari mo diphuthegong.
O kopile bogogi go emisa mokgwa oo a re o senya seriti sa khansele e maikarabelo a yone e leng go tlhabolola kgaolo le batho ba yone ba le seoposengwe.
A re ba tshwanetse ba tlotla khansele le tiro ya yone e le bagogi ba setshaba, a tlatsa ka gore e re le ntswa ba ipeetse melawana, bangwe ba e gataka ka dinao.
Rre Enga o ne a ntsha sekai gore ba dumalane gore mokhanselra o ka fiwa metsotso e supa fela go akgela, mme bangwe ga ba tlotle seo ka ba batla go buela ruri.
Le fa go ntse jalo, modulasetilo o ne a lebogela ba ba nnileng le boitshoko jwa go tsena phuthego go fitlhelela e fela.
Khansele eo e tsere beke le sephatlho mme makhanselara ba ne ba buisanya ka dikgang tse di farologanyeng tse di tshwenyang kgaolo, jaaka lenyora le le ikadileng kgaolo yotlhe le mmala wa metsi a bangwe ba reng ba belaela o sa siamela botsogo.
Ba ne gape ba supa matshwenyego ka go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo kgapetsakgapetsa, ba re sebe sa phiri ke gore bo tlhagoga kwa dinare di sa tsamayeng teng.
Ba kopile lephata le le thswanetseng go dira ditshekatsheko gore ke eng bolwetse joo bo bonala thata kwa dikgaolong tse go sa tsamayeng dinare.
Seo se tla morago ga gore bo tshwarwe kwa kgaolong ya Sehithwa bosheng mme seemo sa pateletsa matlhabelo a Maun go nama a emisitse go tlhaba dikgomo.
Dikgang tse dingwe ke tsa seemo sa ditsela mo kgaolong ka bogogi bo ne bo supa fa se nyemisa moko.
Ba ne ba re tsela ya Sehithwa/Mohembo e tlhoka go potlakelwa ka jaana e baya matshelo a bakgweetsi mo diphatseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 05 Jul 2018



