Breaking News

Bakwena ba gakologelwa GUS

05 Jul 2018

“Modiri ga se moji!”

A ke mafoko a bontsi bo gakologelwang bomolemo le ditiro tsa ga Rre Gaotlhaetse Utlwang Sankoloba Matlhabaphiri yo o tlhokafetseng beke ee fitileng ka Labone a le dingwaga  di masome marataro le boferabobedi ka one.

Rre Matlhabaphiri o kile a nna tona, a direla mo lephateng la tsa botsogo, tsa merero ya selegae, le la Ofisi ya ga Tautona.

E ne e le lebutswapele la dipolitiki tsa phathi ya Botswana Democratic gape e le mopalamente wa pele mo Molepolole Bokone go fitlhelela ka 2014.

O tlhokafala jaana a sena go kubugelwa ke bolwetse jwa pelo a le kwa mangweng a marekisetso a melemo kwa Fair Gounds Mall.

Ba ba mo itseng ba mo gakologelwa ka lorato lo lo tseneletseng lwa moopelo o a neng a o dira ka botswerere le botswapelo jaaka e le ene mothami wa khwaere ya BDP ya International le ya Motlhakola ya Molepolole Bokone tse e neng ya nna tsone dikgantshwane tsa phathi ya BDP.

Lorato lwa ga Rre Matlhabaphiri lwa moopelo go kaiwa lo ne lo lemotshega thata mo ditirong tsa selegae di akaretsa diphitlho le kwa kerekeng.

Bangwe ba mo gakologelwa ka go nna mongwe wa baeteledipele ba pele ba makgotla a babereki, ntlha e e ka tswang e le yone e mo gogetseng mo botshelong jwa sepolitiki le fa bagwe ba dumela fa a rotloeditswe ke batsadi ba gagwe ba ba neng e le mabutswapele a politiki ka dinako tseo.

Rre Joseph Kgarebe, yo o neng a na le Rre Matlhabaphiri ka nako ya a kubugelwa ke bolwetse, o kaile fa go tlhokafala ga gagawe go mo tlogeletse khutsafalo e e tseneletseng, ka go supa a ne a mo agile go nna se a leng sone le go mo godisa mo botshelong jwa sepolitiki.

“Botshelo jwa me le go itse tsamaiso ya BDP bo betlilwe ke bogakolodi jwa ga Rre Matlhabaphiri yo o neng a mpha bokaedi ka dinako tsotlhe go tsena le mo dikomiting tsa go tsamaisa phathi jaaka fa ke le leloko la Political Education Committee,” Rre Kgarebe a tlhalosa.

O kaile fa mosepele wa bone o similotse letsatsi leo mo mosong fa Rre Matlhapbaphiri a ne a ya go tsena phuthego ya boloko kwa sekoleng sengwe kwa Gaborone pele ga  ba ya go dira thulaganyo ya go reka dijo tsa loso la batho ba bararo ba ba neng ba bolailwe mo Molepolole.

E re ka jaana Rre Kgarebe a ne a supa fa e ne e rile go le pele Rre Matlhabaphiri a ikaya fa a sa ikutlwe sentle, ba kgaogana a ya go reka melemo fa ene a ne a ya go mo rekela metsi mme bolwetse jwa mo diga a santse a emetse go thusiwa.

Mme Gaone Mosinyi o gakologelwa monnawe ka ditiro tse di molemo tse di faphegileng ka go direla tshaba ya ga gabo ka lorato le go nna pelontle.

“Ke ne ke lemoga jalo gore badiri ba tse di molemo, ga ba ke ba lemogwa, bogolo jang mo botshelong jwa sepolitiki ka gore ditiro tse dintle tsa mapolitiki ga di ke di gakologelwa motlhofo ka go dumelwa fa ba dira bontle go reka ditlhopho, kgatlhanong le tse dintle tse ba di direlang setshaba,” Mme Mosinyi a tlhalosa.

A re bokao jwa ga Rre Matlhabaphiri yo o tumileng ka leina la GUS, bo supilwe ke tsamaiso ya gagwe e seng mo botshelong jwa sepolitiki fela, mme gape e leng mo bathong ka go nna a kaba diphatlha ka dithuso tse di farologanyeng fa a ne a lemoga botlhokwa jwa go dira jalo mo go ba losika le Bakwena ka kakaretso.

“Mo mabakeng mangwe ke ne ke tle ke mo kgalele go direla mo go feteletseng ka go lemoga fa a direla batho ba ba sa lemogeng bomolemo jwa ditiro tsa gagwe, mme seo se seke se fetole ka gope maikaelelo a gagwe,” ga bua mme Mosinyi.

Rre Kagiso Letsholo mokgweetsi wa pele yo o dirileng le Rre Matlhabaphiri dingwaga di feta lesome e le tona mo maphateng a a farologanyeng, o kaile Rre Matlhabaphiri e ne e se moeteledipele fela mme gape e ne e le motsadi yo o dirileng go le go golo thata go mo fetola ka fa a lebang botshelo ka teng.

“Ke mo lemoga thata ka lorato lo lo neng lo godile, segolo jang mo go ba masika, mme thata batswala nae.

O ne a rata go nkgakolola fa ke mo kgweetsa go nna kelotlhoko a re ga a itse gore fa phoso e ka diragala ke ya go raya bokgaitsadie ke reng,” Rre Letsholo a gakologelwa.

O supa fa a ithutile go le gontsi mo go Rre Matlhabaphiri yo o neng a mo kaya a rata polotiki mo go faphegileng ntle le dikgwetlho tse a neng a tle a kopane natso mo botshelong jwa sepolitiki.

“Ke dumela fa monna yo e ne e le Mokwena tota wa Motshosa ka go rata borotho ka jaana mosepele wa rona go ya Molepolole ka dinako tsotlhe o ne o simolola ka go reka borotho le mashi.

Dingwe tsa ditiro tsa setshaba tse a mo gopolang ka tsone ke go nna mosimolodisi wa maobo a dikgotlana, go a fa tebego e e rileng.

Go kaiwa a ne a dira jalo ka maikaelelo a go rotloetsa go tshwarwa ga diphuthego tsa matona mo dikgotlaneng go bua ka matshwenyego a a lebaneng morafe.

Kgolo le lorato lwa go aba ga Rre yo, di kailwe gape ke thulaganyo e a neng a e simolodisa mo Molepolole ya go abela dikole tse dipotlana paka a thusiwa ke ba khamphani ya World Group of Companies mo go neng ga fokotsa pharologanyo fa gare ga bana ba malwapa a a ’kobo dikhutshwane.

Rre Matlhabaphiri yo o neng a le leloko la motia la kereke ya UCCSA o tlaa bolokwa mo Molepolole kwa kgotleng ya ga Ranta ka Matlhatso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event :

Date : 05 Jul 2018