Breaking News

Barui ba itlamile go ntsha lerou mo tseleng

05 Jul 2018

Barui ba meraka ya Matsuke gaufi le Mantshwabisi mo kgaolong ya Kweneng ba itlamile go fokotsa go gobea ga leruo mo tseleng ya Thebephatshwa-Molepolole go hema dikotsi tsa tsela tse di bakwang ke leruo.

Barui bao ba itlamile jalo mo phuthegong e e neng e buisiwa ke ba komiti ya ipabalelo tseleng ya kgaolo-potlana ya Molepolole/Lentsweletau kwa merakeng eo beke eno.

Balemi ba masimo ao bone ba ne ba supa fa ba atla mogopolo wa go ntsha leruo mo tseleng ka ba re o tlaa tlama barui go tlhokomela leruo la bone mme se se thuse ka jaana dikgomo di ba senyetsa fa ba lemile. 

Mongwe wa badisa ba kgaolo eo Rre Ompatile Ditsabatholadinaga o ne a supa fa a tsere molaetsa wa ba ipabalelo tseleng ka tlhamalalo mme a tlaa tlhomamisa gore leruo la gagwe ga le tsamaele kwa tseleng le le nosi e bile o tlaa le tlhatlhela bosigo.

O ne a kopa banni ba lefelo leo, bogolo jang bomme ba ba apayang majalwa go sekegela tsebe dinako tse di beilweng tsa bojalwa gore badisa ba nne le sebaka sa go tlhokomela leruo ka a supile fa badisa bangwe ba nna fela mo nno-taging.

E ne e rile gole pele, mokwaledi wa komiti ya ipabalelo tseleng e bile e le mogolwane wa tsa ipabalelo tseleng kwa Molepolole Mme Tendai Lisenda a supa fa ba tshwentswe ke dikotsi tse di bakwang ke leruo mo tseleng eo.

A re leruo leo, segolo jang ditonki le dikgomo di gobeya mo tseleng bosigo mme di thulwe ke dikoloi.

O boletse fa dingwe dikotsi di gapile matshelo a batho mme a supa fa selo se, se ka fokotsega fa barui ba ka tlhatlhela leruo bosigo fela jaaka mo dinakong tsa maloba.

Mme Lisenda o ne a supa fa maikaelelo a komiti ya gagwe e le go tlhomamisa gore modirisi mongwe le mongwe wa tsela, e ka nna mokgweetsi, bapagami ba dikoloi, boradikotsekara le bone batsamaya ka dinao tota ba babalesegile.

E rile a tswa la gagwe, leloko la komiti eo le tswa mo go ba sepodise, Sub-Inspector Ronald Thobejane a supa fa e le molato gore leruo le fitlhelwe mo tseleng go sena yo o le etseng tlhoko.

A re puso e tshwentswe ke dikotsi tse mme a supa fa mo go tse di lesome le bosupa tse di diragetseng mo ditseleng tsa Kweneng, tse tlhano di diragetse mo tseleng ya Molepolole-Thebephatshwa.

Rre Thobejane o ne a supa fa morui yo leruo lwa gagwe le thudilweng a ka atlholwa madi a a sa feteng P2 000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MANTSHWABISI

Event : Phuthego

Date : 05 Jul 2018