Sejana se se gaisanelwang se tokafatsa maduo
04 Jul 2018
Dikole tse dipotlana go ralala lefatshe leno ka bophara di tsweletse ka go ipelela maduo a lokwalo lwa bosupa a ngogola.
Sekole sa Sam Mackenzie kwa Werda mo Kgalagadi Borwa le sone se ne sa seka sa salela kwa morago ka go tshwara moletlo oo, wa go ipelela sejana se ba se fentseng ka maduo a masome marataro le borataro mo lekgolong a ABC mo setlhopheng sa HEMASAKOWE .
Setlhopha se, se akaretsa dikole tsa Hereford, Makopong, Sam Mackenzie, Kokotsha le Werda.
Go ya ka mogokgo wa Makopong, e bile e le modulasetilo wa komiti ya HEMASAKOWE Rre Frans Brooks, setlhopha seo se ne sa bopiwa ke baruatabana le ba lephata la thuto mo kgaolong eo morago ga go lemoga fa maduo a dikole tseo a lokwalo lwa bosupa a sa kgatlhise.
Rre Brooks a re Rre Dick Kalantle, yo e leng monni wa Werda, e bile e le mokwaledi wa khansele ya Jwaneng, o ne a ithaopa go nna morotloetsi wa dikole tseo, e le tsela nngwe ya go tokafatsa maduo go simolola ka 2013.
A re o ne a itlama gore ngwaga le ngwaga o tlaa tiisa moko sekole se se gaisitseng tse dingwe ka kopi e e lwelwang le madi, le moithuti yo o gaisitseng ba bangwe ka madi ga mmogo le komiti ya batsadi le barutabana. Rre Brooks a re go simolola ka yone nako eo, barutabana ba dikole tseo ba ne ba tshwanelwa ke go itoma molomo wa tlase go tlhamamisa gore kopi eo e ya kwa dikoleng tsa bone.
Rre Brooks o boletse fa Makopong ka 2013, se ne sa dira go swela go tlhomamisa gore ba gorosa kopi eo mo sekoleng sa bone, ka 2014 e ne ya phamolwa ke Werda, sa ipoeletsa gape ka 2015, mme ka 2016 Hereford ya ntsha ga tshwene ya phamola kopi eo. Ngogola Sam Mackenzie ya seka ya ineela le yone ya ntsha tlhogo ya gorosa kopi.
O kaile fa maduo gape a tokofaditswe ke tshwaragano ya barutabana, ka ba kgona go buisana, go tswa ka megopolo, go rutana ka maele, go kwatabolotsa mo go ba bangwe le tshekatsheko ya maduo ka fa a ka tokafadiwang ka teng go ya pele.
Ba ne ba supa fa ba na le kgwetlho ya dipalamo le tse dingwe tse di ba kgoreletsang go kopana kgapetsakgapetsa.
Sebui sa tlotla, Rre Shane Setoutwe, mogolwane go tswa Majwe Mining Joint Venture, o boletse fa maitlamo a bone e le go busetsa bontlha bongwe jwa madi a ba a dirang kwa moepeong oo kwa setshabeng. A re ba dira jalo ka go ema nokeng dikole, maphata a puso, a a ikemetseng le mekgatlho e e farologanyeng.
Rre Setoutwe a re go atswa baithuti ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong go botlhokwa ka e le thotloetso gore ba tlhoafalele dithuto. A re seo se ka nonotshiwa ke tshwaragano ya batsadi le barutabana, e bile ba dira mmogo le ba-na-le seabe botlhe ka ‘moroto o esi o sa ele’. O kaile fa maduo a Sam Mackenzie a kgatlhisa ka a gola ngwaga le ngwaga, a supa fa ka 2015, maduo a ABC e ne e le 40 per cent, 61 per cent ka 2016, 66 per cent ka 2017.
Mogolwane wa lephata la thuto mo Kgalagadi, Mme Neo Lenchwe o ne a gwetlha batsadi go tlhokomela bana le go ba thusa tiro ya sekole ka nako tsotlhe, ka seo se ka thusa mo go ba betleleng bokamoso.
Baithuti ba ne ba gakololwa go tlhopha ditsala tse di siameng tse di nang le boleng, jaaka botho, maitseo le boikarabelo; ka seo se ka ba thusa go tswelela ba dira ka natla.
Morutabana wa baithuti bao wa pele, Mme Kebualemang Kelehile o boletse fa a simolotse go ruta bana bao go simolola ba dira lokwalo lwa bone go fitlha lwa bosupa, mme itoma molomo wa tlase go dira diphetogo ka maduo a bone a a neng a le kwa tlase.
Mme Kelefile a re ka tshwaragano ya batsadi, barutabana le badiri ba bangwe, ba ne ba dira mo ba ka go kgonang go ntsha maduo, ka go nna le bana bao mo sekoleng ka nako ya ditlhatlhobo.
Moithuti yo o gaisitseng botlhe ka letswao la A, Bopa Kukuwe o o neng a abelwa P500.
Sam Mackenzie e ne ya abelwa kopi go tswa Hereford, fa baithuti le morutabana wa bone ba ne ba abelwa dimpho, madi le ditlankana go tswa mo khanseleng ya Kgalagadi.
Setlhogo sa letsatsi leo e ne e le Go Fenya o Raletse Dikgwetlho.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : Ipelelo Maduo
Date : 04 Jul 2018



