Bomme ba Pilane ba thulanya ditlhogo
04 Jul 2018
Bomme bangwe ba bararo e bong Ntebaleng Shatani, 29, Mirriam Moloi, 69, le Kamogelo Order, 29, ke bangwe ba ba inaakantseng le lenaneo la puso la Gender Affairs le le ba thusitseng go dira kgwebo ya ditilo.
Mme Shatani a re boraro jo, bo kopantswe ke lorato le maikutlo a a tseneletseng a kgwebo mme ba dumalana go simolola kgwebo ya bone.
A re go ipopeng ga bone, ba ne ba nna fatshe ba akanya go dira kgwebo e e ka ba tsenyetsang madi gape e le pharologanyo.
Mme Shatani a re ba ne ba tswa ka megopolo mme ba felela ba dumalana go simolola kgwebo ya go dira ditilo ka ba ne ba lebile bokgoni le botsipa jwa bone.
O tlhalositse fa Mme Order a ithutetse go betla, fa Mme Moloi ene a na le kitso le botsipa mo go tsa go roka gape a kile a bereka ka lobaka a roka.
Mme Shatani a re ba ne ba ikaelela go tsaya toro ya bone ya go bula kgwebo ka tlhoafalo mme ba tswa letsholo la go batla madi a go simolola kgwebo.
A re ba ne ba simolola pele ka go batla fa ba ka direlang kgwebo teng mme ba felela ba dumalana le go batla lefelo mo Pilane ka e le motse o o tletseng dikgwebo gape o sena marekisetso a ditilo.
Ka madi e le konokono mo go simolodiseng kgwebo, a re ba ne ba utlwalela lenaneo la Gender Affairs kwa ba neng ba ya go kopa dithuso tsa madi teng.
A re ba ne ba isa kopo kwa Gender Affairs ka 2015 mme ba seka ba ipona tsapa go fitlhelela kopo ya bone e atlega mme ba simolola kgwebo ya go dira ditilo ka 2016.
Mme Shatani a re ka ba ne ba le magorogo masha mo Pilane, ba ne ba simolola go ipapatsa, ba tsena ntlo le ntlwana mo metseng e e mabapi ba rekisa kgwebo ya bone le go ipapatsa ka pampiri ya ipapatso.
Go dira jalo go ne ga tswela kgwebo ya bone mosola ka ba ne ba amogelwa ke Batswana mme kgwebo ya simolola go gola.
A re ba ne ba simolola go tsenelela ditshupo e le tsela nngwe ya go kwatabolotsa mo go ba bangwe gore le bone ba tle ba kgone go tsepama mo kgwebong.
A re ba ne ba bona gore ba gatetse pele mo kgwebong ka gore ka Ngwanaatsele ngogola ba ne ba lalediwa ke ba ofisi ya Nyeletso Lehuma go buisa dialogane tsa lenaneo leo, mme se, sa ba bulela dikgoro.
A re ba Botswana Television ba ne ba ikgolaganya le bone ka lenaneo la Bosele, thulaganyo e e supang dikgwebo tse di thusitsweng ka mananeo a puso mme lenaneo le, le ne la rekisa kgwebo ya bone.
O lebogetse lenaneo la Bosele thata a re fa e ne e se ka lone ba kabo ba sa itsewe ke Batswana ka bontsi, a supa fa thulaganyo eo e ne ya ba golaganya le bareki. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebo Rakanyane
Location : PILANE
Event : Potsolotso
Date : 04 Jul 2018



