Breaking News

Tlotlang ditshwanelo tsa bana

04 Jul 2018

Raboipelego wa ga-Segwagwa, Rre Modise Ramoeti a re ditshwanelo tsa ngwana di tshwanetse go tlotlwa le go diragadiwa.

Rre Ramoeti o buile jalo kwa masimong a Ditojana fa ba thuto ga e golelwe ba ne ba le koo go lekola baithuti bosheng.

A re dingwe tsa ditshwanelo tsa ngwana ke gore a nne le leina, le go itse gore ke wa letso le fe, a tsena sekole le gone go sirelediwa mo ditirong tse di ka tlhokofatsang maikutlo jaaka go dirisiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo, kgokgontsho le tse dingwe.

Ka jalo a re go botlhokwa gore ditshwanelo tsa ngwana di tlotlwe di be di sirelediwe.

A re go ka utlwisa botlhoko go bona motho mongwe a di gataka ka dinao.

E rile a tswa la gagwe, Constable Leruo Maebe wa sepodisi sa Botswana kwa ga Segwagwa a tlhalosa fa ngwana e le motho yo o dingwaga di lesome le boferabobedi go ya kwa tlase le gore go molato go mo dirisa ditiro tsa bagolo.

Fa a bua ka phiro ya bana, Constable Maeba o tlhalositse fa go le molato go thapa ngwana yo o dingwaga di lesome le boferabobedi go ya kwa tlase ka jaana ka fa molaong, ngwana yoo o kabo a santse a le kwa sekoleng.

O supile matshwenyego ka batho ba ba tlolang molao, mme ba thapa bana ba ba kalo go berekela mo malwapeng, go disa le ditiro tse dingwe tsa go dira mo masimo.

E rile a leboga, mokhanselara wa ga-Segwagwa, Rre Mogorosi Naolwakgosi a kopa batsadi ba bana ba ba tsenang thuto ga e golelwe go kgothatsa bana ba bone go tsena sekole, a tlatsa ka go re fa ba ka supa tlhoafalo, seo se ka gwetlha puso go lere ditlhabololo kwa Ditojaneng.

O ne gape a lebogela komiti ya balemi go tsenya letsogo mo thutong ka go aba dijo kwa sekoleng seo e le go tsaya puso tema. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : DITOJANA

Event : Tekodiso

Date : 04 Jul 2018