Breaking News

Kokelo e abetse Mme Ompatile ntlo

04 Jul 2018

Badiri ba kokelwana ya Gojwane kwa kgaolong ya Serowe Bokone ba abetse Mme Keagakwa Ompatile ntlo ya kamore e nngwefela le ntlwana ya boitiketso morago ga go bona seemo se a neng a tshelela mo go sone.

Kgosi Oagile Ketlhaetse wa Gojwane o supile fa se se dirilweng ke ba kokelwana eo e tshwanetse go nna thuto mo morafeng wa Gojwane gore e tle e re mo nakong e e tlang, mongwe wa bone a tsenye letsogo go fetola botshelo jwa mongwe yo o tlhokang thuso mo motseng wa bone.

E rile a tlhalosa maikaelelo a bone le ka fa ba kgonneng ka teng go re ba bo ba agile ntlo, mmelegisi wa kokelwanana ya Gojwana, Mme Pretty Maruatona a re go ne go se motlhofo go kokoanya madi a a neng a ka simolodisa kago ya ntlo.

A re ba ne ba kgona go kokoanya madi ka go dira metshameko e tshwana le ya mabelo, mmabontle, kgwele ya dinao ya bomme le motshameko wa lenyalo o e leng one o o neng wa ba tsenyetsa letseno le le botoka.

Mme Maruatona a re tshwaragano ya bone le mmaboipelego, badiri ba kokelo ya Serule, magosi, mokhanselara, mopalamente, komiti ya ditlhabololo le ba bangwe e ba kgontshitseng go agela Mme Ompatile bonno jwa sennela ruri.

Mme Maruatona a re bangwe ba ne ba thusa ka didirisiwa go fitlhelela kago e fela, a supa fa bangwe ba bone ba ne ba reka bolao le dikobo.

E rile a tswa la gagwe, molalediwa wa letsatsi e bile e le mogolwane wa thuto go tswa Tonota, Rre Kebabonye Ramothwa a supa fa badiri ba kokelwana ya Gojwane ba setse morago toro ya Tebelopele ya 2036 ya go tlhabolola motho le go mo neela seriti.

Rre Ramothwa a re lephata la boipelego ke lone le rweleng boikarabelo jwa go bona gore setshaba ga se tshelele mo diemong tse di ka felelang di tsenya matshelo a bone mo diphatseng.

Rre Ramothwa o ne a supa fa go se bonolo gore motho a dire tiro ntle le dituelo, a re borre ba ba neng ba agela Mme Ompatile ba tshwanetse go lebogwa ka ba supile lorato le bopelotlhomogi.

Mme Ompatile yo o dingwaga di 77 e bile e le mo-tlhoka pono, o lebogile ba kokelwana ya Gojwane go bo ba lemogile letlhoko la gagwe.

A re se se mo neela seriti se se tlhokwang ke mongwe le mongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Kabo ya Ntlwana

Date : 04 Jul 2018