Breaking News

Pilikwe united e neela banana baikarabelo

04 Jul 2018

Ke maikarabelo a lephata la peeletso, papadi le madirelo go bona gore go nna le tikologo e e siameng go tlhabolola madirelo a papadi ka go tswakanya itsholelo go direla Batswana ditiro.

Seo se builwe ke mothusa tona wa lephata leo, Rre Moiseraele Goya kwa bokopanong jwa lekgotla la kgwele ya dinao la Pilikwe United.

A re puso e rotloetsa kabakanyo itsholelo, ka lefatshe le sa bolo go ikaega ka diteemane le di-tswa mmung.

Rre Goya, yo gape e leng mopalamente wa Palapye, a re go mo maruding a banana ba lefatshe leno go ema ka dinao go leka gotlhe go simolodisa dikgwebo tse di ka fetolang matshelo a bone.

O gakolotse gore ba  ele tlhoko ka gore go simolodisa kgwebo ga se diketo go tlhokana le gore motho a bo a ikemiseditse tsotlhe, a dira ka mashetla, gape a le boineelo le bopelotelele.

Mopalamente wa Palapye o tlhaloseditse banana gore ba lesego ka puso e baakanyetsa, e bile e diragatsa maikaelelo a yone go ba thusa.

O ba kopile go dirisa mananeo a puso go itlhabolola le go tlhama mebereko, ka go twe metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati.

O rotloeditse that ba ba ikopantseng ba Pilikwe, Maape le Mhalapitsa gore ba dire mmogo.

Rre Goya a re go a itumedisa go lemoga fa go na le bangwe ba ba tshwenngwang ke letlhoko la ditiro la banana, mme ba ititeile dihuba go emela dikgang tseo ka dinao jaaka ba Pilikwe United.

A re ga ba a itebaganya fela le kgwele ya dinao ka gore e rile gape ka 2011 fa go tlhajwa mokgosi ka loaro lwa borre, setlhopha sa Pilikwe United ke sengwe sa tse di neng sa tsibogela kgang eo ka botswapelo.

Morulaganyi wa bokopano joo, jo bo neng bo ngokile makalana a puso le a a ikemetseng ka nosi go tla go arogana le banana ka maele a botshelo le tsa kgwebo, e bile e le modulasetilo wa Pilikwe United, Rre Fobby Radipotsane, a tlhalosa maikaelelo a tiro ya letsatsi.

A re e le ba kgwele ya dinao ba tshwentswe ke go bona banana ba tshamekela setlhopha, mme bone matshelo a bone a eme fela a sa tswelele pele.

Rre Radipotsane a re seo e ne ya nna kgwetlho, mme ba kopana ba le komiti go tswa ka lenaneo la gore se se tswang kwa dikgorong ka nako tsa metshameko se dirisiwe go thusa banana ba Pilikwe, Maape le Mhalapitsa gore ba kgone go palama go ya Sefhare kwa diofising tsa banana.

A re ba ya go nna le thulaganyo e e lolameng le modiredi wa ofisi eo, go baya malatsi a a tlaa thusang banana ka one.

O tlhagisitse bana go lesa go inaakanya le maranyane a facebook a a senang mosola.

A re ba tshwanetse go a dirisa go batla dikitso go na le go bua ka dilo tse di senang mosola.

O ne gape a supa fa ba tshwaragane le ba BIUST go leka go ka tlhabolola matshelo a banana.

Motlhatlhelela dithuto tsa Maranyane a dipolotoki Rre Leornard Sesa o ne a kgothatsa banana gore ba ikemele ka dinao go itirela le gore ba nne le botho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PILIKWE

Event : Bokopano

Date : 04 Jul 2018