Breaking News

Dikgang tsa bogosi di a tshwenya - Sekai

03 Jul 2018

Motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai a re magosi a Botswana ka kakaretso ba tshwentswe ke dikgang tsa bogosi. 

O buile jalo kwa peong ya  kgosana, Major Seth Ramatlhakwana wa kgotla ya Morokologadi kwa Malolwane ka bosheng. 

Kgosi Sekai a re e setse e le selo modiro go lwela bogosi mo gae, a supa fa ene mo kgolong ya gagwe, a fitlhetse go sena mo gontweng kgosi o a tlhophiwa. 

“Nna ke itse gore gone go supiwa kgosi fa mongwe yo o ntseng e le kgosi a tlhaetse ka bogodi, bolwetse kgotsa a tlhokafetse,  ditlhopho ke itse e le tsa mapolotiki e seng tsa bogosi,” ga gatelela kgosi. 

O supile fa a tsere kgato ka go rerisanya le Kgosikgolo Kgafela gammogo le puso ka dikgang tsa go tlhophiwa ga dikgosi, mme botlhe ba dumalane fa go se kake ga tlhophiwa kgosi mo Kgatleng ka e se ngwao. 

Kgosi Sekai a re o itumedisiwa segolo bogolo ke go tlhongwa ga rre yo o tswang kwa sesoleng,  yo o itseng ka boitshwaro gammogo le setho, a tlhalosa fa Barokologadi ba le lesego go nna le kgosana wa seemo seo. 

O ba lebogetse go bo ba le moono mo go tlhomeng kgosana, go sena dikgogakgogano.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso mo boemong jwa ba lelwapa, Rre Cornelius Ramatlhakwana o tlhaloseditse Kgosana Ramatlhakwana fa boeteledipele e le selo se sekgatlhang, a mo kopa go etelela morafe wa gagwe motlhofo, go bopa maikarabelo a bone gammogo le go ba akaretsa mo tshwetsong nngwe le nngwe e a e tsayang. 

O mo rotloeditse go ikgolaganya le morafe gore a seka a busa a le nosi kwa bothokong, a mo kgothatsa go ikanya Modimo, gore a tle a mo fe botlhale jaaka Kgosi Solomon. 

O ne a wetsa ka  go re a tlotle morafe gore le bone ba mo tlotle, a reetse tsotlhe tse ba di mmolelelang, ka go twe mafoko a kgotla a mantle otlhe. 

Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Letsebe Mpete o tlhalositse fa Major Ramatlhakwana a tsena mo thulaganyong e e bokete ya bogosi.

“O ikobe fa pele ga Barokologadi ka ke bone ba ka go rwalang ka magetla kgotsa ba ka go digang fa o sa batshware sentle. 

O ne a leboga Mohumagadi Francinah Maotwe, yo e leng ene a duleng ka mogopolo wa go rulaganya moletlo wa peo ya kgosi. 

Fa a amogela baeng, kgosi wa Malolwane, Rre Esron Bogatsu o ne a leboga Kgosi Sekai go bo a ne a seka a ipona tsapa go nna mongwe wa basupi mo go tlhongweng ga ga Kgosana Ramatlhakwana.

Fa a ntsha la gagwe, Kgosana Ramatlhakwana o ne a leboga Barokologadi go bo ba bone go tshwanela gore ba tlhome ene mo setilong. 

O ne a ba kopa go dira le ene sentle gore ba tle ba tsweledise tse di amang kgotla ya bone, a re o tla ba reetsa ka nako tsotlhe, mme a kope thuso fa a sa kgoneng teng. 

Major Ramatlhakwana o bewa jaana morago ga go tlhokafala ga ga Kgosana Mokgophe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Felicity Male

Location : MALOLWANE

Event : Peo ya Kgosana

Date : 03 Jul 2018