Banni ba tsamaisa kgosi sentle
03 Jul 2018
Banni ba Lotlhakane East e ne ya re bosheng ba ipelela tsamaya sentle ya Kgosi Searobi Bareng Searobi.
Fa a bua kwa moletlong oo, modulasetilo wa komiti e e neng e o rulaganyetsa, Rre Michael Mohutsiwa a re bana ba Lotlhakane East le Kgosi Naledi Ramotswaiso ba ne ba kopana mme ba tswa ka kakanyo ya go direla Rre Searobi moletlo wa tsamaya sentle ka 2016 a sena go tlogela tiro ka bogodi.
O ne a tlhalosa fa maikaelelo a moletlo o, e le go mo lebogela dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a ntse a eteletse motse wa bone pele ka lorato le bopelotelele go tsweng ka 1988.
A re go ne go se motlhofo go rulaganyetsa moletlo o ka ba ne ba tsena ntlo le ntlwana go kopa dithuso gore tiro e e tle e atlege mme ba rotloeditswe segolo bogolo ke ba sekole se segolwane sa ABM.
Rre Mohutsiwa o ne a rotloetsa banni go tswelela ba tlotla kgosi, a tlatsa ka go re fa kgosi e dule mo setilong o ntse o fiwa tlotla ka e a bo e ntse e le kgosi, a supa fa Rre Searobi e le sesigo se ba ka anyang tsamaiso le botlhale mo go sone.
Fa a tswa la gagwe, modiri ka ene Rre Molatlhiwa Ramashana o ne a re Kgosi Searobi o dirile ditlhabolo di tshwana le dikole, mogotlha o o kwa Metsimatale, kabo ya ditsha le go kopela dikereke ditsha a di ntsha mo go obameleleng mo malwapeng.
A re Kgosi Searobi ke motho yo o neng a itse go gakolola Setshaba a ba kaela tsela e e siameng, ka jalo a kopa morafe go kopa dikgakololo kwa go ene gore motse o tswelele pele.
Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Searobi o lebogile morafe go menagane go bo ba ne ba bona go tshwanela go mo direla moletlo wa tsamaya sentle morago ga go tlogela tiro ka bogodi, a bolela fa go etelela setshaba pele go se motlhofo, go batla motho a ititeile sehuba, a le lorato le bopelotelele.
A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e botlhokwa ka e thusa go lere ditlhabololo mo motseng.
A re fa o le Kgosi o tshwanetse wa bereka nayo go tlhabolola motse.
O ne a tlhalosa fa mo nakong ya gagwe ya puso a lerile ditlhabololo ka mefuta mo motseng jaaka go buelela madirelo le dikole tse di neng di sena ditsha gore di bewe ka fa molaong mme a tlogela tiro jaana a beile le sekole se segolwane sa ABM setsha mo Lotlhakane East. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Khumoyame Laetsang
Location : LOTLHAKANE EAST
Event : Moletlo wa Tsamaya Sentlo
Date : 03 Jul 2018



