Breaking News

Bagwebi ba ka dira botoka - mookamedi

03 Jul 2018

Mookamedi wa Banka ya Standard Chartered kwa Serowe, Rre Ikageng Robert o gakolotse baakodi ba lenaneo la lenyetso lehuma gore ba seka ba bonala fela ka ditshupo.

A re ba bonale ka dinako tsotlhe gore ba kgone ditoro tsa bone. 

Rre Robert o buile jaana kwa ditshupong tse di neng di rulagantswe ke ofisi ya boipelego ya kgaolo-potlana ya Serowe bosheng. 

Rre Robert a re go a tshwenya gore puso e bo e dirisa madi mo mananeong go aga bagwebi mme maikaelelo ao a bo a itaya sefololetse ka dikgwebo di sa tswelele fa puso e emisa go di fa madi. 

A re tsholofelo ke gore dikgwebo tse di tswelele, di gole di bo di hire ba bangwe.

Rre Robert a re puso e ka thusa ka madi mme kgwebo e mo maruding a mong wa yone. 

“Dirang go lekane go bona gore kgwebo ga e nne ka letsatsi la ditshupo fela.

Re batla go bona lo ipapatsa mo diofising tsa rona go supa fa kgwebo e tshela,” Rre Robert a tlhalosa.

Ka Setswana se re moremogolo go betlwa wa taola wa motho o a ipetla, Rre Robert o rotloeditse bagwebi go fetola ka fa ba dirang kgwebo ka teng. A re ba tshwanetse go tsena ntlo le ntlwana ba ipapatsa.

Rre Robert a re go lebega bangwe ba tsena mo kgwebong ka gore ga ba bereke.

A re ke nako gore ba itshekatsheke gore tota ba batla eng. 

A re ba ba senang kgatlhego ba seka ba kgoreletsa ba ba nang le toro ya go gweba ka go dira se ba senang lorato mo go sone go ka seke go ba isa gope. 

Rre Robert a re baakodi ba, ba tshwanetse go itse gore ga ba direle dikgwebo tse puso, ba a di itirela. 

O ba kgothaditse go lomagana, a re ba nne le lekgotla le le tlaa emelang dikeletso tsa bone.

A re le fa bajanala ba feta ka Serowe go ya kwa metseng e tshwana le Maun, go a ama go bona go sena lefelo le bajanala ba ka rekang dithoto tse di dirwang mo gae. 

“Bontsi jwa bajanala ba a kgweetsa go ya makgobokgobong, ka jalo ba ikhutsa mo Serowe, mme sebe ss phiri ke gore se ba ka se gakologelwang ka Serowe ke magwinya fela,” a tlhalosa.

 A re Serowe o tlhoka mmaraka o o tshwanang le wa BBS kwa Gaborone, o batho ba ka itseng gore fa ba batla go reka dilo dingwe, ba ka ya teng ka mafelo a beke.

 A re dilwana tse baakodi ba lenaneo le ba di supileng ke sesupo sa gore go na le dilo tse dintsi tse batho ba ka di rekang mo Serowe. 

O ba rotloeditse go nna pelotelele, a re ba itse gore go na le monyetla mo go se ba se dirang.

A re le fa go ntse jalo, ba itse gore dilo ga di ka ke tsa nna bonolo mme fa ba itlamile ba ka kgona dikeletso tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lucretia Chima

Location : SEROWE

Event : Ditshupo

Date : 03 Jul 2018