Komiti e supa setshwantsho
03 Jul 2018
E ne ya re ka Labone Phukwi 29, komiti ya ipaakanyetso letsatsi la ga Tautona ba tshwaragane le ba Lady Khama Charitable Trust ba supa setshwantsho sa motshikhinyego ka botshelo jwa tautona wa pele, Sir Seretse Khama le mohumagadi wa gagwe, Ruth Khama kwa kgotleng kgolo ya ga MmaNgwato.
Leloko la komiti, Rre Harrison Keatewa a re setshwantsho se se bidiwang A United Kingdom, se rulagantswe ka 2016 ke Mme Amma Asante yo batsadi ba gagwe ba tlholegang kwa Ghana mme ene a tsholetswe kwa London.
A re se ne sa supiwa semmuso malatsi pele ga go ketekwa dingwaga tse di masome a matlhano Botswana a ipusa.
Rre Keatewa a re e le ba komiti ba bone go le botlhokwa go supa setshwantsho se ka ba ne ba lemogile fa Batswana ka bontsi ba sa tlhaloganye sepe ka botshelo jwa ga Sir Seretse Khama le mohumagadi wa gagwe.
A re ba tshwentswe ke gore letsatsi la matsalo a ga Sir Seretse Khama le ntse le sena bokao jo bo kalo.
O supile fa ba ne ba kopa thuso kwa lephateng la polokelo ditso, lekgotla la SADC le kwa Botswana National Museum ka sethwantsho se.
A re tshupentsho ya setshwantsho se, e ne e le matlhagolela tsela a go ipelela letsatsi la ga Sir Seretse Khama Phukwi a rogwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : Sesupo ya Setshwantsho
Date : 03 Jul 2018



