Breaking News

Mokgatlho o rotloetsa borre go fetola maitshwaro

03 Jul 2018

Dikgang tse di tshwenyang tsa go bolawa ga bomme di gwetlhile Rre Mmereki Kgosiyabone go ralala Botswana a rera efangedi go rotloetsa borre go tsalwa sesha le go sireletsa bomme.

 Rre Kgosiyabone, yo o eteletseng pele mokgatlho wa Genesis 21, a patilwe ke setlhopha sa gagwe ba mo mogwantong wa dikhilomithara tse 1 600 go tswa Shakawe go tla Gaborone ka maikaelelo a go gasa molaetsa o o kgalemang dipolao tsa bomme tse di dirwang ke bakapelo ba bone.

 Mogwanto o, o simolotse Seetebosigo a le 18 mme o tlaa tsaya malatsi a le lesome le botlhano go wetse Phukwi a tlhola ga raro.

 A re kgang ya dipolao tsa bomme ke bolwetse jo bo tlhokang kalafi.

 Fa a bua bosheng kwa kgotleng ya Mahalapye, Rre Kgosiyabone a re borre ba tlhoka go sugwa ditlhaloganyo gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di lebaneng.

 A re keletso ya bone ke go tsena le mo dikoleng tse dikgolwane go ruta bana ba basimane.

  Rre Kgosiyabone a re maiteko a mofuta o, a ka thusa go fenya dikgang tse di tshwenyang mo setshabeng.

  A re ba tshwentswe ke dikgang tsa bomme ba ba latlhegelwang ke matshelo ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele di dirwa ke ba ba reng ba a ba rata.

  Rre Kgosiyabone o kopile dikgosi le setshaba ka kakaretso go leka go ruta borre gore ba fetoge.

  A re go botlhokwa gore borre ba ithute go amogela gore lorato ke selo se se kgonang go fela.

  A re borre ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go kopa dithuso tsa tshidilo maikutlo ka go dira jalo go ka ba thusa go hema go tsaya ditshwetso tse di sa siamang.

  O rotloeditse borre go tlhokomela bomme, a re mme ke sethunya mo lwapeng o tshwanelwa ke go tshwarwa sentle.

  Kgosana wa kgotlana ya Dilaene 2, Rre Albert Moseki o lebogetse banana maiteko a ba a dirang, a re ba tswelele le mosepele wa bone wa go gasa molaetsa o o botlhokwa o.

  Kgosana Moseki a re go a nametsa go bona banana ba eme ka dinao ba ithaopa go lwantsha mathata a a tshwenyang mo setshabeng.

  Rre Moseki a re go a tshwenya go bona banana ka bontsi ba kgobokanngwa ke nnotagi, selo se se ba ntshang mo tseleng mme ba tlhoke boikarabelo.

  Mongwe wa batsena phutego, Mme Monty Moseki o kgothaditse borre go amogela phelelo ya lorato.

  A re ba ikanye lefoko la Modimo fa ba le mo dipharagobeng le gore ba itse fa mosepele wa lorato o na le bokhutlo.

“Rapelang le tshephe thapelo,” ga kgothatsa Mme Moseki. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MAHALAPYE

Event : Mogwanto

Date : 03 Jul 2018