Breaking News

Sky Generous e tokafatsa maduo

02 Jul 2018

 Go sa direng sentle mo ditlhatlhobong ga se phelelo ya botshelo.

Se se supilwe ke bontsi jwa banana kwa Mochudi le metse e e mabapi ba ba tsweletseng ka go fetola maduo a bone a ditlhatlhobo kwa Sky Generous.

Sky Generous ke khamphani e e  itlamileng go thusa banana ba ba sa dirang sentle mo ditlhatlhobong, le ba ba santseng ba tsena sekole, bogolo jang ba mephato ya boraro le botlhano.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mogolwane wa khamphani eo Rre Lucas Motshegwe o supile fa ba itebagantse segolo thata le dipalo, maranyane, Sekgoa le Setswana.

O supile fa banana ba feta lekgolo ba ikwadisitse go thusiwa, mme a bolela fa thuto nngwe le nngwe e duelelwa go simolola ka P400  kgwedi le kgwedi.

Rre Motshegwe a re ba itlamile go fedisa mowa wa boitlhobogo wa banana ka ba itlamile gore ba tlaa thusa baithuti go fenya dithuto tsa bone ka 70 per cent le go feta.

A re ba dira se ka go ruta moithuti ba mo fa le dikai tsotlhe tsa botshelo le go ba lemotsha ka fa ba ka arabang dipotso ka teng mo ditlhatlhobong.

O supile gape fa ba itlamile gore ba fetse thuto nngwe le nngwe ka nako, mme morago ba simolole go ikgakolola tsotlhe tse di kwa morago ba tsentse mashetla go ipaakanyetsa ditlhatlhobo.

O supa fa ba na le ditlhatlhobo kgwedi le kgwedi le fa paka ya sekole e wela.

Rre Motshegwe o tlhalositse gore ba itshwaragantse le ba-na-le seabe, segolo jang ba botsogo go fa baithuti lentswe la kgakololo.

O ne a gatelela gore ga ba letlelele boitsholo jo e seng jone gotlhelele. 

Mogolwane yoo o boletse gape gore ba dira le ka mafelo a beke go fa baithuti ba bangwe sebaka sa go tla go ithuta.

A re o sa le a nna le toro ya go nna morutabana a sale ngwana ka jaana o ne a na le lerato la go thusa baithuti ka ene kwa sekoleng bogolo jang mo dipalong le maranyane.

O tlhalositse gore o thusitse baithuti ba dikole tse dikgolwane tsa Bokamoso le Ledumang go fetola maduo a bone.

Rre Motshegwe o supile fa a kgonne go thapa banana ba le lesome le bobedi go ruta, a re maduo ke a a nametsang.

Mongwe wa barutabana ba mophato wa boraro Kutlwano Kgope, o supile fa a tsene mo sekoleng se ka 2015 go tla go tokafatsa maduo a tsa maranyane, mme morago ga go ithuta mo sekoleng seo a kgona go tsaya maduo a ntlha.

 Kealeboga Moeng yo le ene a boletseng fa a ne a dirile bokoa mo dithutong tsa maranyane, o supile fa ka 2014 a ne a ikwadisa mo sekoleng seo go boelela, mme a kgona go tswa ka tse ditsididi, ka jalo a bona phatlha ya go ithuta Clinical Technology kwa Boitekanelo, kwa a boletseng a feditse teng.

 Rre Motshegwe a re tsotlhe tse dintle tse di tiisa ba le bantsi moko, ka jalo bontsi jwa banana ba na le kgatlhego ya go tla go tokafatsa maduo kwa sekolong seo.

Le fa go ntse jalo, o kaile fa ba na le kgwetlho ya lefelo la borutelo, a re matlwana a borutelo a mannye mme ga a kgone go amogela bontsi.

Se sengwe a re bangwe baithuti ga ba kgone go duela sentle, a supa fa ba atle ba dire tumalano gore ba duele ka go kgaola fa ba simolola dithuto kwa dikolong tsa ithutelo ditiro. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Boago Molwane

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 02 Jul 2018