Breaking News

Phala e senang phalana e thusa bagodi

02 Jul 2018

Modulasetilo wa komiti ya mokgatlho wa boithaopo e e tlhokomelang bagodi, Mme Tsholofelo Letshoo a re ba ititeile sehuba go thusa bagodi ba Mogobane le metse e e mabapi e tshwana le Ntlhantlhe, Magotlhwane, Lekgolobotlo le Otse.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, o tlhalositse fa mokgatlho wa bone o tlhamilwe ka 2012, mme wa kwadisiwa ka fa molaong ka 2013, o na le maloko a roba bobedi, bomme ba supa le rre.

Mokgatlho, o setse o kwadisetse bagodi ba le 120 go tswa mo metseng e e farologaneng, a tlhalosa fa ba le 45 e le ba-na-le bogole, mme bontsi e le bomme, fa bangwe e le ba ba godileng, e bile ba sa kgone go itirela sepe.

O tlhalositse fa ba kwadisa bagodi ba ba dingwaga tse di 65 go ya kwa godimo, a tlhalosa fa mogodi yo motona yo ba setseng ba mo kwadisitse e le wa dingwaga tse 105.

Mme Letshoo o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go thusa bagodi go lwantsha bodutu.

O tlhalositse fa ba bone go le maleba go tlhama mokgatlho o gonne bagodi ka bontsi ba nna mo kgatelelong ya maikutlo.

“Mogodi fa a nna a le nosi o bolawa ke bodutu, mme a tlelwe ke boitlhobogo. Re itemogetse gore gantsi bagodi ba nna ba le nosi fa bana ba ile dikoleng le meberekong.

Bontsi jwa bagodi ba nwa dipilisi ka lebaka la malwetse a a farologaneng, ka jalo fa ba le nosi ga ba kgone go di nwa sentle, le go ja ga ba je sentle.”

A re go botlhokwa gore bagodi ba fiwe tlhokomelo gore ba kgone go nna le botsogo jo bo lolameng.

A re ba itemogetse fa ngwao ya Setswana e nyelela, a tlhalosa fa ba tlaa anywa ngwao mo bagoding bao, mme ba e somarele go e ruta dikokomane tse di tlang.

Mme Letshoo a re fa ba beile bagodi golo go le gongwe, ba tlaa ba fa dikgakololo di tshwana le tlhokomelo ya lonyalo gore lo seka lwa thubega, peo ya botsetsi, meila gareng ga tse dingwe.

O buile gore fa bagodi ba le mmogo ba ntshana bodutu, ba opela dipina tsa bogologolo, ba ikgopotsa ditiro tsa bogologolo, ba tshega ba itumela mmogo.

A re go nna mmogo ke tsela nngwe ya go lwantsha kgatelelo ya maikutlo le bodutu, ka go tshega le go itumela go thamisa pelo.

“Re na le setsha, ntlo ya rona ga e ise e fele go setse go rulela fela. Le fa ntlo ya rona e ise e fele, ditirelo tsotlhe tsa mokgatlho re di tshwarela mo setsheng sa rona.

Ka mokgatlho wa rona e le wa boithaopo, rona maloko re simolotse re ntsha makgolo a matlhano re ikwadisa.”

O tlhalositse fa ba tlholela bagodi kwa malwapeng gonne ntlo ga e ise e fele.

O tlhalositse fa ba ikokoanyetsa madi ka go dira megwanto, bommabontle le mediro e mengwe.

Mme Letshoo o tshwaela fa kemo-nokeng e le kwa godimo.

A re maphata a puso le banni ba motse ba dira le bone ka lorato.

A re ba dira le ba Otse Police College, Dikakapa FC, Ditshephe FC, Avis, Gabana Architect, Dutch Reformed Church, LEA, Choppies, ba bogosi gareng ga ba bangwe.

O tlhalositse fa bagodi le bone ba itumetse, a re ba ba fa dikgakololo gore ba kgobokanya madi jang le gore ba ka dira jang gore toro ya bone e atlege.

“Ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa Sontaga di dira dikgaisanyo go re kgobokanyetsa madi. Re dira le mmabontle wa bagodi.”

A re o lebogela kemo nokeng e, gonne tiro nngwe le nngwe gore e atlega e tlhoka tshwaragano ya batho le bopelotelele.

O tlhalositse gore fa ntlo e fela, maikaelelo a bone ke go tsaya bagodi moso le moso, mme ba ba busetse malwapeng maitseboa.

Mme Letshoo o kopa thotloetso mo go botlhe go ba thusa ka koloi e e tlaa ba thusang go dira ditiro tsa mokgatlho.

A re ba tlhoka sebalamakgolo le kharabene e ba tlaa e dirisang e le ofisi, ka jalo o kopile setshaba go ba thusa ka mo ba nang le gone.

“Keletso le toro ya rona ke go bona mokgatlho o godile, gape re eletsa go itirela dikgwebo di tshwana le thuo ya dikoko le tshingwana ya merogo.

Gore toro ya rona e atlege, setshaba se tshwanetse go dira le rona ka lorato gore maitlamo a rona re le baithaipi a diragale,” Mme Letshoo a wetsa. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : MOGOBANE

Event : Potsolotso

Date : 02 Jul 2018