Go rekisa dijo go tlodisa Tshitso melatswana
02 Jul 2018
Go itirela ka diatla ke selo se se siameng mo botshelong.
Ka jalo Mme Keabetswe Tshitso wa Tsabong yo o dingwaga di masome mararo le bobedi o tlhalositse fa go le botlhokwa gore le ene a eme ka dinao go inaakanya le tsa kgwebo go itshetsa.
Mme Tshitso yo tlholegang kwa Kanye, o tlhalositse fa a sale a tsere maele a tsa kgwebo mo go mmaagwe yo o neng a rekisa diaparo.
A re morago ga go tlhoka go dira sentle mo mophatong wa boraro, o ne a kgatlhegela go thusa mmaagwe go rekisa.
O boletse fa e ne ya re ka 2003, mmaagwe a amega mo kotsing ya koloi, mme a mo rolela kgwebo eo go e tsweledisa, ka a ne a sa kgone ka ntlha ya go tlhoka go tsoga sentle.
Ka go twe phokoje go tshela yo o dithetsenyana, Mme Tshitso yo bareki ba gagwe ba tlwaelesegileng go mmitsa Kay, a re o ne a itoma molomo wa tlase gore a seka a swabisa mmaagwe.
A re o ne a lemoga fa kgwebo ya go rekisa diaparo e aname mo Kgalagadi Borwa, mme a e emisa ka a ne a bona theko e wetse tlase.
O kaile fa a ne a tswelela ka semausu, mme ka 2014, a lemoga fa dimausu di le dintsi mme a tswala sa gagwe a tswelela ka go rekisa airtime le dimonamone.
A re mo nakong ya gompieno, ke moagi wa Tsabong ka ntlha ya go latela mafulo a matalana, mme o setse a ikagetse ntlo gape o setse a boloka bontlha bongwe jwa morokotso wa madi a a a dirang.
Mme Tshitso o bolotse fa jaanong mono ngwaga a remeletse mo kapeing ya dijo go rekisetsa badiri ba puso.
O kaile fa kgwebo ya dijo e dira sentle le fa go na le kgwetlho ya go tlhoka bareki nako e nngwe.
O tlhalosa fa a sa ntse a dira fela a le nosi mme a na le tsholofelo ya go thapa monana mongwe yo o ka mo thusang fa kgwebo e ntse e gola.
Kgwetlho e nngwe o kaile fa e le go tlhoka sepalamo.
“Modimo ga o je nkabo ke solofela gore nako nngwe ke tlaa bo ke itheketse koloi e e leng ya me,” a bua jalo ka monyenyo.
E re le ntswa dikgwebo tsa dijo di le dintsi mo Tsabong, Mme Tshitso a re ene o oka bareki ka go apaya dijo tse di ba gogelang ka tatso le ka nako e e tshwanentseng.
O ne a gwetlha banana go inaakanya le dikgwebo tse ba di ratang, go nna pelotelele le go itepatepanya le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go tila go phutlhama ga dikgwebo mo go atileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 02 Jul 2018



