Breaking News

Thuto ga e golelwe

02 Jul 2018

Mogolwane wa lekalana la thuto-ga-e-golelwe kwa kgaolong ya Borwa, Mme Gagotheko Maruping a re puso e lemogile fa go tlhabolola lefatshe go tsamaelana le go ruta setshaba.

A re ke ka moo thuto e leng dingwe tse puso e neng ya di baya kwa setlhoeng mo ditlhabololong, gore go seka ga nna le ope yo o santseng a sa itse go bala le go kwala.

Mme Maruping o ne a bua kwa Ditojana jaaka fa ba thuto-ga-e-golelwe ba ne ba ile go lekola banni le go buisana nabo ka dikgang tsa thuo tse di amang ga-e-golelwe.

Mme Maruping a re puso e ne ya lemoga fa maiteko a yone tebang le ditlhabololo e ka nna lefela fa go santse go na le Motswana yo o tlhaelang thuto e bile e le lone lebaka la gore ngwana mongwe le mongwe a isiwe sekoleng, go bo go nne le lenaneo la thuto-ga-e-golelwe.

A re lenaneo le, le thusa ba dingwaga tse di simollang mo go 19 go fitlhelela ka mogolo yo matlho a gagwe a santseng a bona sentle ga mmogo le bagolo ba ba kwa dikgaolong le masimo a re go thapiwa moruta bagolo wa nakwana kwa lefelong leo yo o kgonang go bala le go kwala.

O tlhalositse fa lenaneo la bagolo le bidiwa Adult Education fa la bana e le Out of School Education for Child Policy.

Mme Maruping a re lenaneo la bana le simolotswe ka 2014 mme kwa kgaolong ya Borwa la dirwa e le ditekeletso mo mafelong mangwe go balelwa Ditojana go thusa bana ba ba botlana mme ba sa kgone go tsamaya sekgala se se telele go latela dikole kwa mafelong a a mabapi.

A re e ne ya re lenaneo leo le simolola kwa Ditojana, ga kwadisiwa bana ba le 32, a supa fa se, se itumedisa ka jaana e a re ba sena go sugwa e bile dingwaga tsa bone di tutugile ba kgone go ya go tsweledisa kwa dikoleng tse dingwe jaaka se sebotlana sa ga-Segwagwa, a re mme fela ga a itumedisiwe ke go utlwa go twe bana bangwe ba kgona go tsena ba tla ba tswa mo sekoleng mme a kopa batsadi go alafa seemo se ka go tlhoafalela thuto ya bana.

O tlhalositse fa bana bao ba fiwa dijo tsa moso le tsa motshegare kwa sekoleng e le thulaganyo ya puso e e simologileng ka 2016 mme e thusa thata go ngokela bontsi kwa sekoleng.

E rile a ntsha lefoko la kgothatso, Reverend Prince Dibeela a kgothatsa bagolo ba ba mo thuto-ga-e-golelwe le baithuti ba bangwe go tshwara ka thata gore e re isago ba ise Ditojana golo gongwe.

Rev. Dibeela a re o itumeletse go bona thulaganyo eo ya tekeletso e simologa kwa Ditojana, mme a kopa banni go e tshwara ka matsetseleko gore ba seka ba tlhabisa puso ditlhong, a re keletso ya gagwe ke go bona baithuti ba ntsifala go supa kgatelo pele. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Ka Kenanao Ntsimane

Location : Ditojana

Event : Potsolotso

Date : 02 Jul 2018