Banni ba itumeletse ditlhabololo
02 Jul 2018
Banni ba Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng ba lebogetse puso ka go dira ditlhabololo kwa motseng wa bone ga mmogo le go tokafatsa itsholelo ya bone.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Jack Motswakhumo a re go na le ditlhabololo di le mmalwa tse di tsweletseng kwa motseng oo, jaaka kago ya matlo a baoki a le mane kwa kgaolong ya Boseja, go baakanya ditsela ga mmogo le go agwa ga maobo a kgotla a le mabedi.
Kgosi Motswakhumo a re ditlhabololo tseo di tsile ka nako e e siamemg ka motse o ntse o lebaganwe ke letlhoko la matlo a bodiredi.
O tlhalositse gore mo dingwageng tse di fetileng motse o ne o aperwe ke letlhoko la boroko la badirela puso.
A re badiri botlhe ba ba neng ba na le mathata a letlhoko la boroko ba ne ba patelesega go tsoga kwa mafelong a a kgakala, ka jalo ba tsamaya sekgala se seleele go ya tirong.
A re seo se ne se nna le seabe mo go tlhokeng go ntsha maduo kwa tirong.
Kgosi a re e bile o solofela gore kago eo ya matlo e tlaa nna le seabe se segolo mo go tsiseng ditlhabololo di tshwana le metsi le motlakase kwa kgaolong ya Boseja.
A re kgaolo eo ga e na motlakase e bile le metsi a boutsana.
A re go baakanngwa ga ditsela tse di ralalang motse ke nngwe ya ditlhabololo tse a di lebogelang.
A re seemo sa ditsela tse di fa gare ga motse se ne se le maswe, segolo jang fa dipula di na.
O tlhalositse gore ditsela tseo gape di na le dikhuti tse di maswe e bile di baka dikotsi tsa tsela.
A re ka bakgweetsi ba bangwe ba ne ba se kelotlhoko, ba ne ba tsamaya ka lebelo le le kwa godimo mme seo se bake dikotsi ga mmogo le go oketsa dikhuti tseo.
Kgosi Motswakhumo o ne a leboga puso ka go baakanngwa ga dikago tsa maobo a dikgotlana di le pedi kwa kgaolong ya Boseja.
A re dikgotlana tseo di ne di se mo seemong se se kgatlhisang, ka jalo go baakanngwa ga tsone go tlaa di busetsa mo seemo se se maleba le go di fa ditebego tsa gore ka nnete ke maobo a kgotla.
A re ditlhabololo tseo gape di nnile le seabe se segolo mo go tlhameleng banana ditiro ba le bantsi.
O tlhalositse gore fa e sale ditlhabololo tseo di simolola go dirwa ngogola, dipalo tsa banana ba ba neng ba bereka Ipelegeng di ole.
A re le banana ba ba neng ba sa bereke Ipelegeng mme ba nna mo malwapeng ba sa dire sepe, ba bone ditiro mo ditlhabololong tseo.
Ka jalo a re o dumela gore ditlhabololo tseo di fokoditse letlhoko la ditiro mo motseng.
Kgosi Motswakhumo a re ntswa a itumeletse ditlhabololo tseo, o ngongorega ka seemo sa tsela ya Lentsweletau-Molepolole.
A re ka Lentsweletau e le motse o o santseng o gola, ba patelesega go latela ditirelo dingwe kwa Molepolole.
Ka jalo ba tsamaya sekgala se seleele go ya Molepolole ka ba patelesega go dirisa tsela ya Lentsweletau-Metsimotlhabe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : LENTSWELETAU
Event : Potsolotso
Date : 02 Jul 2018



