Go itshidila go ka hema malwetse
28 Jun 2018
Mogolwane kwa lephateng la National Food Technology Research Centre (NFTRC), Mme Boitumelo Motswagole o rotloeditse batho go itshidila mmele ka go le botlhokwa go hema malwetse a a sa tshelanweng.
Fa a buisa bagolo kwa DML Wellness Centre kwa Kanye bosheng, a re malwetse a a sa tshelanweng a diphatsa ka fa a tsena motho ga a ke a a lemoga go sale nako.
Mme Motswagole a re batho ba nne ba itlhatlhobela malwetse ka go farologana morago ga dikgwedi tse tharo dingwe le dingwe gore ba bongaka ba ba tlamele ka pele fa ba ka tshwarwa ka malwetse.
O boletse fa puso e tlhatlhobela malwetse a a faroganeng mahala mme batho ba sa dirise sebaka seo.
O ne a tlhalosa fa NFTRC e na le ditlamelo di tshwana le go tlhatlhobela sukiri, madi a matona, selekanyo sa mafura mo mmeleng le tse dingwe.
A re mafura a mantsi mo mmeleng a borai mo botsogong jwa motho ka a baka bolwetse jwa madi a matona.
A re mafura a ipopa mo ditshikeng mme se se bake gore madi a seka a tsamaya sentle mo mmeleng.
Mme Motswagole o ne a tlhalosa fa mmele o motona o gantsi o bakwang ke gore mafura a a bo a le kwa godimo o le diphatsa mo botsogong mme a gakolola gore fa mafura a setse a le mantsi mo mmeleng a thujwa ka go itshidila.
A re go robala o kgotshe thata ga go a siama, ka jalo a rotloeditsa gore batho ba seka ba ne ba robala ba timpetse ka gore matlhagatlhaga otlhe a ba a tsereng mo dijong mmele o a fetola go nna mafura.
A re fa motho a sena go ja maitseboa, o tshwanetse go nna lobakanyana pele ga a robala gore matlhagatlhaga a a a tsereng mo dijong a fokotsege ka bosigo mmele o sa tlhokane le matlhagatlhaga ka o abo o sa bereke sepe.
O ne a tlhalosa gape fa go ja sentle go le botlhokwa thata mo kgolong ya mmele, ka jalo batho ba je dijo tse di agang le di sireletsang mmele, ga mmogo le tse di fang maatla.
Mme Motswagole o rotloeditse bagolo gore ba seka ba ne ba budusa morogo thata ka go dira jalo go bolaya dikotla.
O ne a ba rotloetsa gape gore fa ba kgona go oja o le motala ba o oje o sa apewa ka o abo o santse o na le dikotla.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa DML Wellness Centre, Rre Daniel Letshelaphala, a re malwetse a a sa tshelanweng a apesitse Botswana kobo ka letshoba, ka jalo a kopa botsadi go itshireletsa ka go itshidila mme le go ja dijo tse di dinang le dikotla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Khumoyame Laetsang
Location : KANYE
Event : Itshidilo
Date : 28 Jun 2018



