Babereki ba gakolotswe go swela dikano
28 Jun 2018
Babereki ba lekgotla le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho (IEC) ba gakolotswe go swela dikano gore ba kgone go tsamaisa thomo ya bone ka manontlhotlho go sena selabe sepe.
Mogolwane wa IEC, Rre Alpheus Matlhaku o buile jaana bosheng kwa Mahalapye kwa moletlong wa go leboga badiri ba ba dikileng ba dirile bontle go fitlhelela maitlamo a lekgotla.
Rre Matlhaku a re IEC e filwe namane e tona ya go rulaganyetsa le go tsamaisa ditlhopho, tiro e e tlhokang go siselwa le go tshwarwa ka manontlhotlho.
A re, ‘ditlhopho ke selo se se masisi, se tletse manganga, dintwa le kganetsano’.
Rre Matlhaku a re phoso epe e e ka dirwang ke mmereki wa IEC e ka tsala dikgoberego.
“Lona ba le tsamaisang ditlhopho le nna le kokobetse, le ipotsa gore di ka tsamaya bogole fa kae mo go ka felelang go kgoberile bangwe maikutlo,” Rre Matlhaku a supa.
Ka maikaelelo e le go tsamaisa ka mokgwa o o ka se keng wa kgopisa ope, Rre Matlhaku o gakolotse babereki ba IEC gore ba seka ba lebala maitlamo a gore ba tlaa dira gotlhe go nosetsa matshego a puso ya batho ka batho.
“Se lebaleng maikano, a le a tsereng go direla lekgotla le,” a gakolola.
Rre Matlhaku a re tiro ya ditlhopho e tlhoka babereki ba ba wetseng dibete, ba le kelotlhoko le botho e bile ba sala tsamaiso morago gore ba tsepame mo go se ba se romilweng.
O akgotse badiri ba IEC, a re ba dira ka natla go tshegetsa tsamaiso ya lekgotla.
Rre Matlhaku a re puso ya batho ka batho e tlhoka go nosediwa ka nako tsotlhe gore e seka ya kgotlelwa ke dilabe, ka jalo babereki ba IEC ba tshwanetse ba itse gore tiro e ba e dirang e tlaa tswelela ka go kgalwa le go nyefolwa ke bangwe.
A re se se botlhokwa se ba tshwanetseng go se dira le fa diemo di le thata ke go sala tsamaiso morago le go tswelela ba ruta setshaba ka tiro ya IEC.
O supile fa go le botlhokwa gore bodiredi jwa IEC bo tlholaoganye tsamaiso ya molao gore ba kgone go dira tiro ya bone ka boamaruri.
A re tiro ya IEC e tlama badiri gore ba eteletse pele dikeletso tsa lefatshe go na le tsa bone, mme seo se ka kgonwa fela ke motho a ineetse go dira ka natla.
E rile a itebaganya le kabo dietsele, Rre Matlhaku a supa fa go se thona go tsaya nako ba kopana ka se se sa itebaganya thata le tiro ya malatsi otlhe.
A re bokopano jwa mofuta o, bo fa babereki sebaka sa go ithuna dinta gore ba kgone go tsholetsa seemo sa go neela setshaba ditirelo.
O supile fa go le botlhokwa go akgola ba ba dirileng ka natla le gore ba ba sa bonang sepe ba lemoge botlhokwa jwa go dira ka natla.
Rre Matlhaku a re IEC e motlotlo ka tiro e e dirwang ke babereki ba yone mme e tlaa tswelela ka go itlotlomatsa le go ipelafatsa ka bone.
O supile fa IEC e lebogela tshwaragano e le e fiwang ke maphata a mangwe a puso, makgotla a a ikemetseng ka nosi le setshaba ka kakaretso gore le kgone tiro ya lone.
A re ga a na pelaelo epe gore babereki ba IEC ba ikemiseditse go dira tiro ya bone ba tiisitse moko.
A re selo se se botlhokwa ke go bereka ba le seopo sengwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlo
Date : 28 Jun 2018



