Basha ba fetola ngwao
28 Jun 2018
Botshelo jwa segompieno jo basha ba bo tshelang le ditlhabologo dingwe di fetola ngwao e Batswana ba tshwanetseng go ipelafatsa ka yone.
“Ngwao e a nyelela mme batho ba itlhokomolositse seo,” seo se builwe ke kgosi wa Zoroga, Thomas Modiro mo potsolotsong bosheng.
A re dijo tsa Setswana tse di siametseng botsogo ga di sa tlhole di jewa ka bontsi ka ntlha ya dijo tsa sesha tse gape di bakang malwetse.
A re Batswana ka bontsi ba bonela dijo tsa Setswana mo mabentleleng le mo mebarakeng ka ba sa tlhole ba na le kgatlhego mo go tsone.
Kgosi Modiro a re metshameko ya Setswana jaaka morabaraba, mhele, diketo, koi le tse dingwe tse di neng di tlosa bodutu gammogo le go sedila mmele di nyelela ka monokela.
A re metshameko e e ne e ruta bana go bala ba santse ba le bannye gammogo le go ba shafatsa tlhaloganyo.
O tlhalosa fa meila e e neng e dirisiwa go sireletsa batho le tikologo ka kakaretso gape e ne e aga setho sa motho e itlhokomolositswe.
O supile fa kapari ya tshega le diaparo tsa matlalo di sa tlhole di tlotlwa jaaka pele.
O tlhalositse fa bogologolo monna a sa apara tshega o ne a sa ikutlwe a le motlotlo ka ba ne ba dumela fa monna a ne a tshwanetse go disa ka tshega.
Kgosi Modiro a re se se utlwisang botlhoko ke go bona bana ba gola ba sa itse diteme tsa morafe wa bone mo e leng gore go nyeletsa diteme mo isagong ya lefatshe leno.
A re Batswana ba ba santseng ba bua Sesarwa ke bagolo ka banana ba ganeletse mo sekgoweng le Setswana fela. Kgosi Modiro o rotloetsa Batswana go boela marakanelong go ya go sala ngwao morago gammogo le go itlotlomatsa ka yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Joseph Tlholego
Location : ZOROGA
Event : Potsolotso
Date : 28 Jun 2018



