Breaking News

Kgosi Molebedi o a kgalema

28 Jun 2018

E ne ya re bosheng Kgosi Lesitamang Molebedi wa kgotla ya Seroto mo Tonota a tshwara phuthego ya potlako kwa marekisetsong a bojalwa jwa Chibuku a Equator go kgalemela boitshwaro jo bo dirwang ke banwi ba teng le bagogi ba motokwane.

Phuthego e e gwetlhilwe ke dingongora le matshwenyego a a tswang mo banning ba kgotla ya Seroto ga mmogo le ofisi ya molao ya Special Support Group ka go supega fa go ikuela batho ba le bangwefela kwa go bone le kwa kgotleng.

Mongwe wa banni ba malwapa a a dikologileng marekisetso ao Rre Kabelo Kaisara a re ga ba robale ke modumo, ditlhapa, dintwa le menko mo tikologong ka banwi ba tlhapologela gongwe le gongwe mo malapeng a bone ga mmogo le go dirisa matlwana a bone mo ditirong tsa tlhakanelo dikobo.

Monni yo mongwe Mme Patricia Kamodi ene o  boletse fa marekisetso a sa obamele nako ya thekiso le gore mong wa sepoto ga a batle go bula matlwana a boitiketso, selo se se bakang gore banwi ba dirise malwapa a bone.

Kgosi Molebedi o tlhalositse fa a le maswabi ka batho ba ba dirang ditiro tse e le bagolo ba ba itseng molao le maitsholo a a siameng mme a ipotsa gore ba tsenwe ke eng.

A re matlhapa a dirisiwang kwa marekisetsong a a tsitsibanyang mmele, selo se a reng se setse se rutile bana ba malwapa a a gaufi ditlhapa.

O boletse fa go sena ope yo o ka kganelang motho go nwa bojalwa, mme maikarabelo le maitsholo a tshwanetse go tswa mo banwing go itsa dikgang tsa go itiga seriti, go senya leina la motse,  go senyeletsa mong wa madirelo le go itsenya mo melatong e e ka bakang toronko.

A re marekisetso ao ga a na molato ka a neetswe tetla ya go dira ke khansele mme jaanong e senngwa ke maitsholo a banwi a a makgwakgwa.

O kopile beng ba marakisetso go tsaya maikarabelo a madirelo a bone ka e le one tsela ya itshetso, a ba tsibosa gore fa ba bona molao o setse o tsile kwa go bone ke sesupo sa gore ga go na tsamaiso, ba bone gore ba a latlhega mme ba batla go ba tsenya mo tseleng.

Gape o ne a ba kopa gore ba tsibose ba sepodisi ka boitshwaro jo bo diragalang, ba obamele nako le molao le go ikgapha mo go nweng bojalwa ba ntse ba rekisa ka ba ka seke ba kgone go kgalemela batho ba nole.

Moithaopi yo o dirang le mapodisi, Mme Gaokgakala Pelontle o lebogetse se Kgosi Molebedi a se dirileng, a supa fa e re ba theogetse ba afa dikgakololo beng ba marekisetso mme ba arabe ka go re ba tlaa duela fa ba tshwarwa.

O gakolotse fa go le botlhokwa gore beng ba marekisetso a bojalwa e nne bone ba ikuelang ko molaong ka maitsholo a bareki go na le gore morafe e nne one o lelang ka bone.

A re ba rekegele maikutlo a batho ba ba sa nweng bojalwa ka ina lentle le itirelwa. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Priscilla Kgang

Location : TONOTA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 28 Jun 2018