Breaking News

Maphata a puso a isa ditlamelo kwa Matlhakola

28 Jun 2018

Badiri ba maphata a puso ka go farologana ba eteletswe pele ke ofisi ya ga molaodi wa Palapye e rile bosheng ba isa ditlamelo kwa Matlhakola mo kgaolong ya Tswapong.

Fa a buisa morafe ka letsatsi leo, Molaodi wa Palapye, Rre Odiseng Moruti o ne a re ba bone go le botlhokwa go isa ditlamelo kwa Matlhakola ka banni ba tsaya ditirelo kgakala kwa Palapye.

A re ditirelo di tshwana le tsa kwadiso ya Omang di botlhokwa, bogolo jang ka lefatshe leno le ipaakanyetsa kwadiso ya ditlhopho tsa 2019. 

Rre Moruti o rotloeditse ba boOmang ba bone ba tlogang ba fela go ba shafatsa gore ba kgone go ikwadisetsa ditlhopho, a tlatsa ka go re monongwaga, ga go na ikwadiso ya tlalaletso. 

Fa a tswa la gagwe, mogolwane kwa khanseleng ya Palapye Rre Kegopotswe Mayana a re khansele e ntsha ditirelo ka go farologana, nngwe ya tsone e le tsa boipelego, diteseletso tsa dikgwebo le ditirelo tsa melawana ya khansele le lenaneo la kago ya matlo. 

Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa makgotla a Setswana Mme Thetologo Ramatlhaku a re tiro ya lekgotla la Setswana ke go tsisa kagiso mo bathong ka go agisanya morafe. 

A re kgotla gape ke gone kwa merero yotlhe ya motse e direlwang teng. 

Fa a tlatsa mafoko ao, mothusa kgosi wa Palapye Kgosi Michael Maforaga o tlhalositse fa le ene a bone go le maleba go tsisa ditirelo tsa ofisi ya gagwe kwa banning ba Matlhakola. 

A re o tsile go thusa ka dikgang tse di saletseng kwa morago go rarabolowa, ka motse oo o tsere lebaka o sena kgosi. 

Kgosi Maforaga a re kgaolo ya Tswapong e tshabelelwa ke dikgang tsa bogosi, a tlatsa ka go re go lwela bogosi go a tshwenya.

A re morafe o na le tshwanelo ya go tla kwa ofising ya Palapye go ngongorega gore dikgang di rarabololwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : MATLHAKOLA

Event : Phuthego

Date : 28 Jun 2018