Go dutla ga metsi go tshwenya WUC
28 Jun 2018
Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la metsi la Water Utilities Corporation (WUC) kwa Masunga, Rre Modisaotsile Keetile o tlhalositse fa go le gantsi go dutla ga metsi go na le seabe se segolo mo go holodiseng maiteko a bone a go siela setshaba metsi.
Fa a araba matshwenyego a makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba mo phuthegong ya khansele kwa Masunga bosheng, tebang le dikgang tsa phatlalatso ya metsi mo kgaolong ya bone, Rre Keetile o ne a itsese makhanselara fa mafaratlhatlha a phatlalatso metsi a setse e onetse, ka jalo seo se baka gore gangwe le gape diphaephe di nne di thubega.
A re ka jalo ba tlamega go nna ba tsibogela go dutla moo mme ka fa letlhakoreng le lengwe setshaba sone se ba solofetse go diragatsa tse dingwe jaaka kgokelo ya metsi mo malwapeng.
Fa a araba potso ya mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Edward Gazageni yo o neng a batlile go itse lobaka lo ba WUC ba tshwanetseng go lo tsaya go tsibogela medutlo ka go lebega e se kana ka sepe mo kgaolong, Rre Keetile o ne a tlhalosa fa seelo sa bone sa go tsibogela medutlo e le mo dioureng tse nne go ya go tse tlhano.
Le fa go ntse jalo, a re ba retelelwa ke go fitlhelela seelo seo ka jaana medutlo e le mentsi e ba tshwanelwang ke go e tsibogela.
A re mme fela ba tlaa leka bojotlhe go tsiboga mo sebakeng se se solofetsweng.
Mabapi le ntlha e nngwe e e neng ya ntshiwa ke mokhanselara ya go diega go gokelela baikopedi dipompo mo malwapeng, Rre Keetile o ne supa fa e le ba WUC ya Masunga ba dira maiteko a magolo mo kgokelong ya metsi mo malwapeng.
A re seemo sa kgokelo ya metsi se tokafetse fela thata mo kgaolong ya bone fa se tshwantshangwa le malatsi a a fetileng.
O tlhalosa fa kgaolo ya Bokone Botlhaba e na le baikopedi ba ba emetseng go thusiwa ba le lekgolo le masome a mane.
Rre Keetile o boletse fa a na le tsholefelo ya gore ka bonya ka bonya lekalana la gagwe le boela kwa seelong sa lone sa go thusa baikopedi ba kgokelo ya metsi mo sebakeng sa kgwedi.
Go ntse go le foo, mogolwane o ne a itsese makhanselara fa le bone ba itse ka seemo sa go senyega kgapetsakgapetsa ga dipompo tsa setshaba ebile a supa fa didirisiwa tse di ka dirisiwang go emisetsa tse di senyegileng di le thata go bonala.
A re fela ke nngwe ya dikgwetlho tse ba setseng ba ikuetse ka tsone kwa bagolwaneng.
Mo go tse dingwe, makhanselara a metse ya bone e thusiwang ke maphata mangwe go tswa Francistown ka ditlamelo dingwe, jaaka Tati Siding, Shashe Bridge, Ditladi le e mengwe ba ne ba kopa maphata a a amegang go nna ba tla go tsena diphuthego tsa bone tsa khansele go utlwa matshwenyego.
Go ntse go le foo, modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba gape e le mokhanselara wa Matsiloje, Mme Florah Mpetsane o ne a balela makhanselara mokwalo o o neng o tswa kwa mokhanselareng yo o itlhophetsweng ke tona, Mme Mathodi Modisapodi, o mo go one a neng a tlhalosa fa a sa tswa go fuduga mo phathing ya Botswana Democratic go tsena mo go ya Umbrella for Democratic Change. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 28 Jun 2018



