Emisang nnotagi mo dintshong - Kgosi
28 Jun 2018
Banni ba Pilikwe mo kgaolong-potlana ya Tswapong Borwa ba gakolotswe go emisa go nwa bojalwa mo dintshong.
Mo potsolotsong le BOPA, mothusa kgosi wa Pilikwe, Rre Johane Rakumako o tlhalositse fa go nwa bojalwa mo dintshong go ka ronkgela ba ba latlhegetsweng.
Kgosi Rakumako o boletse fa ba tshwenngwa ke dikgang tse mo go tsone batho ba itontelang nnotagi e re morago ba tsene mo dintshong mme ba fete ba dire maitseo a a makgasa.
“Maitsholo a teng a tlhabisa ditlhong ka jaana bangwe ba setse ba dirile gonwa selo modiro e re morago ba ye merapelong kgotsa diphitlhong ba itontetse nnotagi kwa morago go lebega o kare ga ba a tla go gomotsa, mme ba tsile go ikgatlha ka ba ba hiihaletsweng.
Ga go thuse sepe go ipaya botoka o re o ema baagisanyi nokeng o a ba gomotsa, mme o tla o itumetse,” a tlhalosa.
O buile a sa kgwe mathe gore nnotagi ga e letlelelwe gotlhelele mo dintshong ka seo se gogobisa le leina la motse mo seretseng.
A re batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore Pilikwe ke motse o o santseng o tshwere ngwao, o diragatsa Setswana, ka jalo batho ba tshwanetse ba emana nokeng fa go na le mathata eseng go nne o kare ba ikgatlha ka ba ba wetsweng ke seru.
Kgosi o ne a supa gape fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa tiriso ya diritibatsi, segolo bogolo motokwane, selo se a reng gantsi se dirwa ke banana.
A re mokgwa o, o rotloetsa botlhokatsebe mo motseng ka jaana badirisi ba diritibatsi ba dira dilo tse di duleng mo tseleng fa ba sena go di dirisa.
O ne a gakolola bagolo go bontsha bana tsela ya boammmaruri.
A re nako tse dingwe, bagolo ba kgona go amega mo dikgannyeng tse di tlhabisang ditlhong.
Mongwe wa bagolo, Kgosi Keabona Nthutang le ene o ne a tlatsa ka go re botlhokatsebe jwa bana bo jweleletse mo lefatsheng.
O ne a gakolola batho go ikela tlhoko ka jaana mo malatsing a gompieno sengwe le sengwe se ka dirisiwa go dira diritibatsi.
Mothusa mookamela mapodisi mo kgalolong, Sergeant Isaac Matlhaga le ene o ne a gatelela fa dikgang tsa tiriso ya diritibatsi di le dintsi mo motseng.
O ne a rotloetsa banni ba motse go loma MApodisi tsebe ka barekisi ba diritibatsi, a supa fa motse o ipaakanyediwa ke batho.
“Mo nakong ya gompieno ke bontshitswe malwapa a le mabedi a go belaesegang a rekisa motokwane mme go supega fa barekisi ba le bantsi.
Go a tshwenya ka gore batho ga ba ikaelele go thusa mapodisi gore ba kgone go tshwara ba ba inaakantseng le thekiso ya diritibatsi, mme ba tshela le bone mo motseng,” ga bua Seargent Matlhaga. O ne gape a gakolola morafe go ikgapha mo ditirong tse di ka ba tsenyang mo melatong.
A re tiriso ya diritibatsi e kgatlhanong le molao wa lefatshe ka ditsela tsotlhe, ka jalo ba ba inaakantseng le diritibatsi ba tshwanetse ba lebisiwa molato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bonte Seepi
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 28 Jun 2018



