Breaking News

Mokwalo wa go aba boswa ke karabo

28 Jun 2018

Kgosi Bana Sekai wa Mochudi a re go dira mokwalo wa kabo le kgaogano boswa ke yone tsela fela e e ka dirisiwang go aba boswa le go itsa dintwa tsa boswa.

Kgosi Sekai o buile jaana mo potsolotsong, a supa fa dipalo tsa batsadi ba ba tlang go tsenya mekwalo ya go kgaoganya boswa mo boseong jwa bone e le kwa tlase.

A re setshaba se rotloediwa go ikopanyana le babueledi ba semolao kgotsa magosi go batla dikgakololo ka go tlogela mokwalo oo.

A re ba itemogela dikgang di le dintsinyana tsa boswa, selo se a rileng se bakwa ke go tlhoka go tshidisanya  le go utlwana ga bana ba motho.

O buile fa ditsheko di le dintsi go sekwa malwapa, ditshimo, leruo, fa gongwe ditlhabololo le dithoto tse dingwe tse dinnye jaaka didirisiwa tsa ntlo. 

Kgosi Sekai a re fa botsadi bo sa kgaoganyetsa boswa ruri, ba felela ba ikopanya le masika go ba reedisa, go tlhalosa le go ba thusa ka tharabololo ya dikgang tsa boswa ka bone ba na le lesedi, a tlatsa ka gore go itsa ditsheko le dikgogakgogano ba ja boswa ba ka bona bone batsadi bao pele ba ya go pega kgang kwa go bone.

O bile a kgala mokgwa wa go ikgagapelela boswa, a re bana ba motho ba ka ipua ka bobone ba bo ba kgaogana ka tekatekano go sena tsietso le bofitlha.

A re masika a a ikgagapelelang dithoto tsa bana le bone ba emise go dira jalo ka go rontsha bana ditshwanelo le dithata tsa batsadi ba bone.

A re bana  ba ba tsaletsweng le bone ba tsenngwa dingalo tsa go tingwa, go amogwa kana go ntshediwa kwa ntle fa go kgaoganngwa boswa mme a papamatsa fa bana ba go nna jalo ba na le tshwanelo e e tletseng ya go akola boswa jwa batsadi ba ba ba tsaletsweng.

Mo go tse dingwe Kgosi Sekai a re se sengwe se se tshwenyang ke tiriso botlhwaswa ya boswa, ka jalo a gakolola ba ba tlogeletsweng boswa go bo dirisa ka kelelelo, a tlatsa ka go re ba tshwenngwa gape ke bana ba ba phuaganyang malwapa le dithoto tsa batsadi.

A re malwapa mangwe a tlogetswe e le matlotla mme a rotloetsa ditiro tsa borukutlhi ka magodu a iphitlha mo matlong ao le go direla ditiro tse dingwe tsa borukutlhi. 

O ne a gwetlha ba ja boswa go itlotla le go neelana fa go tla mo go kgaoganngweng boswa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kesego Ngwai

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 28 Jun 2018