Kwa Gojwane ba kopa go atolosediwa melelwane
27 Jun 2018
Kgosi wa Gojwane mo kgaolong ya Serowe Borwa, Rre Oagile Ketlhaetse o ikuetse mo mopalamenteng wa bone go ba kopela ba dikoporase tsa motlakase le metsi go ba atolosetsa melelwane.
Kgosi o dirile boikuelo joo mo mafokong a gagwe a kamogelo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Kgotla Autlwetse bosheng.
A re motse wa bone o godile fela thata, mo o tlodileng molelwane wa metsi le motlakase.
E re dikgang di eme jalo, banni ba motse oo ba ne ba kopa go tsisediwa mokenti, ka kgaolo ya bone e dikologilwe ke mereka.
Ba ne gape ba kopa gore sekole sa bone se shahadiwe ka se setse se onetse, ba re matlo a borutelo ga a lekane baithuti, seo se bo se pateletsa gore bangwe ba rutelwe kwa ntle, ba tlatsa ka go re le matlo a boroko jwa barutabana a a tlhaela.
Banni ba ne gape ba kopa dipone kwa kokelwaneng.
E rile a akgela, Rre Autlwetse a ba lekodisa ka go agwa ga mesele ya metsi mo motseng.
A re seo seya go ba tsisetsa ditiro.
O tlhalositse fa tsela e e tswang Molepolole e ralala Serowe, e ya go feta ka Paje, Mabeleapodi le Tshimoyapula e setse e simolotse.
Ka kgang ya metsi le motlakase a re o tlaa kopa bagolwane go batla tlhalosa ya ka fa banni ba ka thusiwang ka teng, mme a supa fa go dirwa ga dipompo tse dikgolo tsa metsi tse di fetang ka Topisi go tlaa solegela Gojwane molemo ka le bone ba sielwa mo go tsone.
Mokenti wa kgaolo eo, Rre Boitirelo Mangole ene o ne a re puso e neetse barui marapo a go ikentela leruo.
Rre Mangole o ba rotloweditse gape go ikopanya, ka mokento oo, o ba o fiwang mahala ke puso, o kgona go kenta dikgomo di le lekgolo. Moemela mokwaledi wa khansele ya Tonota, Mme Goitseone Mogapi ene o ne a re ga a na karabo ya gore go tlaa tlhabololwa leng sekole le kokelwana, mme a solofetsa go latedisa dikgang tseo.
Kgang ya metsi en e ya seka ya utlwala kwa Gojwane fela le kwa Topisi ya bo e le sone selelo segolo, gore sediba se se neng se nosa motse oo se katesegetse morago ga gore magodu a gopele difetlha motlakase.
Banni ba Topisi ba re ka nako e sediba seo se ne se thusa le metse ya Moreomabele le Serule.
Rre Autlwetse o ne a leboga batlhophi, a supa fa madi a kgaolo a ditlhabololo a dirisitswe ka fa tshwanelong ka ba kgonne go aga leobo la kgotla kwa Topisi.
Fa a bua kwa Majwanaadipitse, o ne le gone a ba lebogela go agwa ga matlo a bodiredi, mme a supa fa go tlaa agwa kgotla e e feletseng le diofisi tsa yone.
O ne a rotloetsa bodiredi jwa motse oo go tlotlona, ka Setswana se re ‘susu ilela suswana, gore suswana a go ilele’.
Rre Autlwetse o ne a re le ntswa tsela ya Topisi/Tshimoyapula e simolotse go agwa, e e lomologang go tswa Tshimoyapula e ya Majwanaadipitse yone e ya go tswelela e ntse a gopiwa go fitlhelela madi a bonala a gore e dirwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : PALAPYE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 27 Jun 2018



