Seotshegeng o itshetsa ka moriri
27 Jun 2018
Motswana o rile mokoduwe go tsosiwa o o itekang.
Ke ka moo Mme Refilwe Seotshogeng a phakelelang kwa mapalamelong a dibese moso mongwe le mongwe go ipatlela botshelo.
Kgarejwana e ya dingwaga tse di masome mabedi le boraro o boletse mo potsolotsong le BOPA fa a simolotse go loga a le dingwaga tse di lesome le boraro.
O tlhalositse fa go loga e le talente ya gagwe ka jaana a sa rutwa ke ope, a ne a lebelela batho ba logwa go tswa foo a bo a loga.
A re e ne ya re ngwaga o o fetileng a simolola go direla fa mapagamelong a dibese mo Gaborone mme a inaakantse le go dira meriri e e rwalwang.
O tlhalosa fa go dira jaana go dira madi a mantsi ka jaana mo nakong ya mariga batho ga ba loge kgapetsakgapetsa ba tshaba go kgaogelwa ke meriri le go tsenwa ke serame.
O bile a tlatsa ka go re go dira meriri ya mehuta go thusa ka jaana go sa tlhaole bareki, ka jalo bana ba dikole, bagolo le batho ba ba sa godiseng meriri botlhe ba reka mo go ene.
A re o simolotse a thapilwe go rekisa meriri mme a ipolokela madi ka jalo mo tsamaong ya nako a ipulela kgwebo ya gagwe.
Mme Seotshogeng a re o ikaeletse go kwadisa kgwebo ya gagwe mo nakong e e gaufi.
O tlhalosa fa dikgwetlho tse a kopanang natso e le bareki ba ba sa batleng go duela ditlhwatlhwa tse a di beileng.
A tlhalosa fa seo se diga kgwebo ya gagawe ka jaana a duela lekgetho ka gonne a tsaya meriri ko ntle.
O boletse fa mo nakong ya gompieno a kgonne go ithekela dilwana tsa mo ntlong mme a ntse a tsweletse ka go ipolokela madi.
Mme Seotshogeng o bolelela fa a ipapatsa ka maranyane mme e bile a ikaegile thata ka go buiwa bontle ke bareki ba gagwe.
A re o ikaelela go ikisa sekoleng ka jaana tiro ya go ntlafatsa bomme e gola letsatsi le letsatsi, ka jalo a tshwanelwa ke go inaakanya le dinako.
O gakolola banana gore ba seka ba nna ka diatla ba re ga go na ditiro, ba dirise ditalente tsa bone.
Kgarejwana e ya Molepolole ya re e eletsa go ipona e ipuletse lefelo le go direlwang meriri mo go lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 27 Jun 2018



