Breaking News

Go kwadisa dikgwebo go botlhokwa

27 Jun 2018

Mogwebi yo motlana, Mme Susan Bolele wa Phitshane Molopo o gakolotse bagwebi ka e ne go tlhoafalela go kwadisa dikgwebo le ba lephata la kwadiso dikgwebo.

Fa a bua mo potsolotsong, mogwebi yoo, yo o gwebang ka leina la Suzie’s Beadwork a re go dira  jalo go botlhokwa thata ka go rurifatsa fa mogwebi e le wa nnete  e bile go ofa kgwebo boleng le seriti. 

Mogwebi yoo, yo o dingwga tse di masome matlhano le bobedi, o gateletse gore dikgwebo tsa bone di tsewa tsia ka di na le seabe se se bonalang mo go ageng itsholelo.

O gakolotse bagwebi ba ba botlana gore ba seka ba kgojwa marapo ke gore go kwadisa go dirwa ka madi, bonnye jo ba bo ntshang go duela go dira setlakana kwa phelelong bo tsisa paharologanyo e tona mo kgwebong, mme maduo a bonale.

O supile fa go kwadisa kgwebo go ka thusa go rarabolola dikgotlhang magareng ga moreki le morekisi ka ba a bo ba rurifaditswe ka fa molaong. 

O ne a ba rotloeditsa go ipapatsa ka dikarata, ka go dira jalo go thusa bareki go itse fa mogwebi a leng teng le gone go bapatsa kgwebo.

O tlhalositse fa a thusitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma go simolola kgwebo ya go loga dibaga.

Mogwebi yo, yo o setseng a na le dingwaga di le nne mo kgwebong o boletse fa ka ngwaga wa 2012 a ne a tsenelela thuto seka dipuisano kwa Dikhukhung kwa a neng a rutwa ka go tsamaisa kgwebo, go tshwara bareki, le go nna pelotelele mo kgwebong.

A re ka 2013 o ne a rutuntshiwa ka go loga dibaga mme morago a simolola go loga a le mo gae, a thusitswe ka dibaga le didirisiwa tsa go loga.

O bolela gore e re ntswa a rutuntshitswe ke puso o tswa kgakala ka bokgeleke jwa go loga e bile a rata tiro ya diatla. 

“Ke kgona gore e re ke lebile selo hela jaana ke bo ke tlelwa ke tlhaloganyo ya gore nka se kopanya jang gore go tswe sengwe se se ka kgatlhang e bile se ntswela mosola,” o tlhalositse.

O kaile gore go ikgodisa mo botswerering  jwa go loga gangwe le gape o ne a  lebelela mananeo a telebishene a tshwana le Sedibeng, mme a tsee malebelela a go loga mekgabisa ka dibaga e akaretsa maseka, manyena, dibaga tse di rwalwang mo tlhogong le mo thamong. 

O rotloeditsa Batswana go ikopanya le ba ofisi ya nyeletso lehuma go botsolotsa ka mananeo a a farologaneng a a ka ba namolang mo lehumeng.

Mme Bolele o gakolola batho go tlhopha dikgwebo tsa maikutlo a bone, tse ba di ratang gore di tswelele di seka tsa felela mo tseleng.

O boletse gore e sa le a tsena mo kgwebong ya dibaga ga a ise a e fetogele ka gore e mo mading a gagwe e bile o tswa kagakala a e rata ka jalo a tsweletse ka yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thusoyaone Sechele

Location : PHITSHANE MOLOPO

Event : potsolotso

Date : 27 Jun 2018