Breaking News

IEC e supa lorato ka go abela baithuti kwa Kudumatse

27 Jun 2018

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Dikgatho kwa Kudumatse o lebogile lekgotla le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho (IEC) go supa lorato ka go abela baithuti ba basetsana mesangwana ya itshireletso.

Mme Betty Lephepe o buile jalo bosheng a supa gore bana ba ba tswang mo malwapeng a itsholelo e e kwa tlase ba na le dikgwetlho tse di tlhokang go emelwa ka dinao ke botlhe. 

O lebogetse ba IEC go tswelela ba tshwaraganye le sekole seo, le gone go thusa go tlamela baithuti ba ba nang le dikgwetlho tsa botshelo.

Mme Lephepe o supa gore tlhaelo ya ditlamelo ka go farologana jaaka tsa ditlhaeletsano le maranyane, e dira gore bana ba ba mo metseng ya magae ba salele kwa morago, ka jalo go le botlhokwa go bona makalana ka go farologana a ntse a ba thusa ka se ba ka se kgonang. 

O tlhalositse fa ba se kake ba tlhola ba lebala lorato la ba IEC, a re lekgotla leo le bone masego le matlhogonolo go tswelela le thusa ba ba nang le dikgwetlho mo botshelong.

Ba IEC ba ne gape ba thusa ofisi ya boipelego ka diaparo tse di tlaa abelwang bangwe mo Kudumatse.

Fa a rola dimpho tseo, mogolwane wa lekgotla la IEC, Mme Agnes Setlhogile o tlhalositse gore seabe sa bone se tsamaelana le maikaelelo a Tebelopele ya 2036. 

Mme Setlhogile a re le fa dimpho tse ba di ntshitseng di ka seke di lekane botlhe ba ba tlhokang, di tlaa dira pharologanyo mo matshelong a ba ba tlaa di amogelang.

Morago, ba lekgotla la IEC ba ne ba lema ditlhare tsa moriti mo kgotleng ya Kudumatse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 27 Jun 2018