Ba lekgotla la kabo ditsha ba bete se molangwana
27 Jun 2018
Lekgotla la kabo ditsha le le botlana la Serowe la re le tshwenngwa ke palo ya batho ba ba sa tsibogeleng go kwadisa ditsha.
Kwadiso e direlwa gore ditsha di kgone go tsenngwa mo moalong o mosha le mo maranyaneng.
Seo se tlhalositswe ke leloko la lekgotla leo, Mme Khumiso Balekile mo phuthegong ya kgotla ya Sediegelo e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, yo gape e leng mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse bosheng.
Mme Balekile a re ba kgonne go potiela ditsha di le dikete tse di masome mararo mo Serowe fela e le tsa bonno le dikgwebo, ba akaretsa le tsa masimo a a santseng a le fa gare ga motse.
A re di le 20 000 beng ba tsone ba setse ba kgonne go dikwadisa fa di le 10 000 di ise di kwadisiwe.
O ne a gwetlha banni ba Serowe go tsibogela ditsamaiso le diphetogo ka nako go itsa mosuke o o nnang teng fa dilo di setse di ba patika.
Mme Balekile a re mo nakong ya gompieno, ba santse ba buletse kwadiso ya ditsha, a tlatsa ka go re Batswana ba maoto a tshupa go tsibogela taletso eo.
O ne gape a tlhalosa fa ba tsweletse ka go aba dinomoro tsa metse, a supa fa ba simolotse kwa metsing e e kwa ntle.
A re mo nakong e no ba tlaa bo ba simolola go pega dinomoro mo Serowe.
O ne a tlhalosa fa mo nakong eno ba abela batho ba ba ikopetseng ditsha ka 2005, a supa fa ba ba emetseng go abelwa ditsha ba feta 6 000.
Mogolwane go tswa kwa Water Utilities Corporation kwa Serowe, Rre Joseph Dibuseng, o tlhalositse fa ba itemogela mathata a go kabana ga dipompo tsa kgopho metsi a a leswe.
A re gantsi fa metsi ao a sa fete fa ba latedisa ba fitlhela go latlhetswe matlalo mo teng a bo a thibela leswe go feta.
Rre Dibuseng o ne a tsibogela dingongorego tsa banni ba kgotla ya Sediegelo ba ba neng ba supa fa ba sa le ba dueletse go gokelwa mo dipompong tsa kgopho metsi a a leswe ka 2004, mme nako kgolo ke eno.
O ne a dumelana le kgang ya banni ba Sedigelo ya gore ba sale ba duetse mme ga ba ise ba gokelwe mo dimpompomg tsa kgopho metsi a a leswe.
Rre Dibuseng o ne a isa boikuelo mo banning ba Serowe gore ba seka ba bula mafuti a a tshelang metsi a a leswe ka a le borai jo bo ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.
Rre Dibuseng a re kompone ya gagwe e leka ka gotlhe go bona se se ka dirwang go thusa, morago ga gore ba tswe ka leano la gore ba bone mafuti a a gaufi go ka gokela mo go one.
O ne a supa fa lenaneo leo le tlaa tsweledisiwa go gokela ba ba iseng ba gokelwe ka ditsamaiso tse di tlaa dumalanwang, kwa ntle ga ba ba neng ba setse ba dueletse kwa pele ka thulaganyo ya ntlha.
Mopalamente Autlwetse o ne a re go botlhokwa gore bodiredi bo ne bo ofa batsadi dikarabo tse di maleba fa ba batla thuso kwa diofising tsa bone, segolo jang fa ba ba batla kitso ka ditsamaiso tsa diofisi tseo ga mmogo le ditlhaloso.
A re ba kompone ya metsi ba tshwanetse go nna le mealo ya dipompo tsa bone, a re seo se ka ba thusa go itse fa ba emeng teng le kwa ba tshwanetseng go ya go tsweledisa teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 27 Jun 2018



