Breaking News

Bogodu jwa leruo bo holodisa maduo

27 Jun 2018

Bogodu jwa dihutshane tse di amogetsweng ke banni ba Zoroga mo kgaolo- potlana ya Tutume ka mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go ntsha Batswana mo lehumeng la nta e tshetlha bo ile godimo.

Seo se tlhalositswe ke Kgosi wa Zoroga, Rre Thomas Modiro mo potsolotsong bosheng.

Kgosi Modiro a re dipodi di tsena ka lenga la seloko go bo go ya fela jalo. 

O supa fa batho e le bone ba ba utswang leruo leo ka podi e a re fa e sule letlalo la yone le bonale mme tseo tsone ga nke le bonwa. 

A re o amogetse ikuelo ya monni wa motse yo o neng a supa fa potsane ya gagwe e gorogile e na le letshwao le e seng la gagwe morago ga gore e nyelele lobaka.

Kgosi Modiro a re le ntswa puso e leka go lwantsha lehuma bogodu bo busetsa ba ba amogetseng lenaneo mo lehumeng. 

“Fa ne e se go nyelela ga dipodi, bangwe ba kabo ba gatetse pele jaaka ba metse e mengwe ba kgona go rekisa ba anwa mananeo moro,” a tlhalosa jalo.

A re go lemosegile fa batho ba tsaya dipodi mo Zoroga ba di rekisa kwa metseng e sele. 

A re ka podi e tshwaiwa ka go sega tsebe le go e tsenya lenyena e motlhofo go rekisiwa ka magodu ba ntsha lenyena mme ba sale ka letshwao fela le e leng gore le dirwa ke mogwe le mongwe. 

A re seo se ba fa monyetla wa go rekisa dipodi tse e seng tsa bone motlhofo.

Kgosi Modiro a re fa banni ba kopa dithuso mo lenaneong ba supa fa ba tlaa disa leruo kwa masimo le kwa merakeng mme fa ba sena go bona dithuso ba di ruela mo motseng. 

A re dipodi di robala fa gare ga motse mme seo se fa magodu sebaka sa go ka di utswa motlhofo ka di se mo tshireletsong e e lolameng.

O supile fa dipodi tse di ruelwang kwa merakeng di le pharologanyo le tse di ruelwang mo motseng ka di bona mafulo a a lolameng mme tsa motse di le mo tikologong e e senang phulo. 

A re matlalo a dipudi a fitlhelwa mo matlotleng le mo matlwaneng a boithomelo ka batho ba na le sebaka sa go tlhaba fela ka di tletsetletse le motse.

O supa fa banni ba motse ba sena kitso ka mananeo a mangwe a puso ka ba amogela dithuso mo go la LIMID la dipodi thata. 

A re go supa fa ba tlhaloganya lenaneo la dipodi fela.

“Batsadi ba tshwanetse go ititaya ka thupana ka bogodu jo bo dirwa thata ke basha ba e leng gore ga ba ise ba nne le sepe mme batsadi ga ba botse gore ba di tsaya kae,”go bua Kgosi Modiro.

A re tshwaragano ya batsadi le puso ke yone fela e ka fokotsang bogodu jwa leruo. 

A re batsadi ba ikgatholose mokgwa wa go emela bana fa ba sentse, ba seka ba bipa mpa ka mabele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Joseph Tlholego

Location : ZOROGA

Event : Potsolotso

Date : 27 Jun 2018