Babereki ba WUC ba fa boora Thekiso seriti
26 Jun 2018
Mogolwane mo koporaseng ya metsi Rre Macheng Macheng o akgotse badiri ka ene go bo ba tsweletse ka go nna kutlwelobotlhoko.
Rre Macheng o buile jaana kwa moletlong wa go abela ba lelwapa la ga Mme Basutli Thekiso wa Tshimoyapula ntlo kwa motseng oo bosheng.
O tlhalositse fa ntlo eo e le ya bosupa koporase ya bone e ntse e e abela ba ba tlhokileng lesego la go ka nna le bonno jo bo siameng.
A re go tswa ka 2012, ba setse ba abile matlo kwa Mahalapye, Letlhakane, Jackalas No. 1, Kanye, Mochudi le Palapye.
Rre Macheng a re koporase ya gagwe ga se gore e thusa Batswana ka go ba fa metsi fela.
A re le bone jaaka Batswana ba bangwe ba na le seabe sa go tokafatsa matshelo a ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
A re ka go lemoga letlhoko, ba bone go tshwanela go agela batho mntlo, go abela bana ba dikole ditlhako ga mmogo le go agela setshaba maemelo a dipalamo.
O tlhaloseditse fa babereki ba tswa kgakala ba thusa Batswana.
A re ba tswa go direla dikole tse dipotlana tsa Gudigwa, Moreomaoto le Semitwe lefelo la dibalamakgolo ba bo ba ba abela le tsone dibalamakgolo.
Rre Macheng a re ba bone go le matshwanedi go agela boora Thekiso ntlo, ba thusiwa ke ba boipelogo go ba batlela lelwapa le ba ka le agelang bonno.
Ba ne gape ba ba abela malao a le mabedi, ba aga setlaagana, ntlo ya boitiketso le go ba tsenyetsa pompo.
E ntse e le kwa Tshimoyapula, ba WUC ba ne ba abela bana ba sekole se sebotlana sa Tshimoyapula ba le masome a a robang bongwe le bongwe ditlhako.
Ba ne ba tswelela gape ba direla banni ba Serowe maemelo a dipalamo fa kgotleng ya Newtown le ya Mannathoko ka go lemoga go sena meriti e ba ka emang fa go yone bogolo jang fa go le pula kana go le letsatsi.
E rile a tswa la gagwe, mokhaselara wa kgaolwana ya Swaneng, Rre Mpho Kooreme a leboga babereki ba WUC ka tiro e ntle e.
Rre Kooreme o ne kopa boora Thekiso go tlhokomela lelwapa la bone, a kopa bana ba sekole sa Tshimoyapula gore ba tlhokomele ditlhako tsa bone.
Mogokgo wa Tshimoyapula, Mme Esther Mafoko o ne a leboga babareki ba WUC go bo ba dirile tiro e, ka go tsile go fa bana seriti, mme ba tsee dithuto tsa bone ka tlhoafalo.
Mme Thekiso ene o ne a leboga ba koporase ya metsi go bo ba bone go le matshwanedi go ba agela.
A re le bone ba tlaa tshwana le batho ba bangwe.
O solofeditse gore ene le ba lwapa lwa gagwe ba tlaa tlhokomela bonno jwa bone gore le dikokomane tsa bone di tle di nne mo go lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepiso Botshelo
Location : TSHIMOYAPULA
Event : Kabo ya Ntlo
Date : 26 Jun 2018



