Breaking News

Go tlhajwa ga dikgomo kwa Molepolole go tlaa emisiwa

26 Jun 2018

Mokhanselara wa Boribamo West, Rre Moses Mmualefe o tsibositse banni ba Molepolole fa lephata la Tsadiso le Matlhoko a leruo le tlaa emisa go tlhajwa ga dikgomo mo marekisetsong kgwedi e e tlang e supa (Phukwi 7).

Mokhanselara o buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Mohammed Khan.

Rre Mmualefe o kaile fa ba lephata la matlhoko a leruo ba tlaa bo ba baakanya kgotsa ba atolosa maranyane a ba a dirisang go kwadisa dikgomo.

Le fa go ntse jalo, Rre Mmualefe o tlhagisitse morafe gore se se tlaa baka tlhaelo ya nama ya kgomo mme ba monele marulana pele go tila seemo se.  

Gape o tlhalositse gore seemo se se tlaa ama batho ba ba gwebang ka kgomo le marekisetso a tshwana le diselaga mme fa motho a batla go itlhabela kgomo go e ja kwa lwapeng o ka dira jalo.

Mo potsolotsong, Modiredi mo ofising ya Tsadiso le Matlhoko a leruo Rre Kelebile Mmotsi o supile fa a ka seke a rurifatse kgang e, ka bone e le ofisi ba ise ba bone mokwalo ope go tswa kwa bagolwaneng kwa lephateng la temo-thuo.  

Le fa gontse jalo, Rre Mmotsi ga a a latola gore go na le kgang ya mofuta oo.

E ntse e le mo go yone phuthego eo, Mopalamente Khan o tlhaloseditse morafe gore o na le lebaka le feta ngwaga a sa tshware diphuthego ka jaana a ne a lwantsha gore ditlhabololo tse di tona di akaretsa tsa mafaratlhatlha a metsi le kago ya ditsela di tsenngwe mo togamaanong ya ditlhabololo ya NDP 11.

O buile jaana morago ga gore batho mo kgaolong ya gagwe ba ngongoregele gore go nnile lebaka mopalamente a sa buise diphuthego.

Le fa go ntse jalo, Mopalamente Khan o kopile banni ba kgaolo ya gagwe go busa pelo ka jaanong a boetse mo kgaolong.  

O bile a tlhalosa fa a kgonne gore Molepolole a bone ditiro tse tlhano tse ditona tse di tlaa dirwang mo NDP 11, selo se a kaileng e le lantlha se diragala mo ditsong ka go bo mo nakong e e fetileng go ne go kgona go tsenngwa ditlhabololo tse pedi kgotsa tse tharo.  

Nngwe ya ditlhabololo tse di tlaa dirwang o kaile e le kgopo ya metsi a a leswe le go aga mafaratlhatlha a metsi.

A re dingwe tsa ditlhabololo tse di tla simololwa ngwaga ono o ya fifing fa bontsi di tlaa simolola mo ngwageng o o tlang.

Fa ba akgela, bontsi jwa ba-tsena phuthego ba ngongoregetse ditirelo tse ba di fiwang kwa sepateleng se se tona sa Scottish Livingston.  

Ba re seemo sa sepatela seo se ngomola pelo ka go sena melemo le dipilisi le one metsi tota.

Ba re go le gantsi balwetse ba tlelwa metsi.  

Ba re tlhaelo ya dikobo ke selelo le khuranyo ya meno ntswa ba sa letlelelwe go itlela ka dikobo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 26 Jun 2018