Breaking News

Ba itumelela ditlamelo tsa botsogo

26 Jun 2018

Kgosi Selelo Kelebang o boletse fa ba itumelela ditlamelo tse ba di tsisediwang ke ba lephata la botsogo le boitekanelo kwa Ditshegwane.

O boletse jaana fa a amogela baeng mo boemong jwa ga kgosi Morwaanare bosheng, a bo a kopa morafe go itlhatlhobela malwetse.

O supile fa go le botlhokwa gore batho ba itshidile mmele, a supa fa ene a santse a kgona go taboga le fa a setse a godile.

Mooki kwa kokelong ya Letlhakeng Mme Keodiretse Mochanang o ne a supa fa maikaelelo a tiro eo e le go tsisa ditirelo kwa bathong gore  ba itlhatlhobe ka bontsi.

O supile fa ba rotloetsa gore bakapelo ba itlhatlhobe mmogo.

Mme Mochanang o boletse fa go itlhatlhoba nako e sale teng go ofa batho sebaka sa go tsaya kalafi nako e sale gone, a bo a supa fa ba lela ka borre ba ba sa ikaeleleng go itlhatlhoba.

Mooki o tlhalositse gape gore fa batho ba itse seemo sa bone, ba ka babalela lesea le le sa itseng se se diragalang go ka tsenwa ke mogare.

E rile a a fa molaetsa wa letsatsi, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse a supa fa Botswana e le lengwe la mafatshe a a neng a angwa ke HIV ka bokete mme la tsibogela seemo se.

O tlhalositse fa kgaolo ya Kweneng Bophirima e le nngwe ya tse di amilweng ke mogare thata ka jaana dipalo di supa fa e amegile ka 10,6%.

O boletse fa se se ba pateleditse go tswa ka setlhogo se se reng ‘Ze Sheemo Shago’,  se se raya gore itse seemo sa gago sa mogare wa HIV.

Supt. Katse a re setlhogo se, se rotloetsa batho go tsaya kgato ya go itlhatlhobela mogare ka e bile go itlhatlhoba le go sedilwa maikutlo e le nngwe ya ditsetlana tse di dirisiwang e le konokono mo go tsa thibelo mogare.

O supile fa gape tsetlana e, e le mojako wa gore motho a fiwe kalafi, tlhokomelo le thotloetso mo lephateng la botsogo.

Supt. Katse o supile fa e rile ka 2017 batho ba le 6 410 ba itlhatlhobela HIV mo kgaolong e, bomme ba itlhatlhobile ba le 3 921 fa borre ba itlhatlhobile ba le 2 489.

O boletse fa mo dipalong tse batho ba le 260 ba tshwerwe ka mogare,  bomme  ba le 122, le borre ba le 138.  

O tlhalositse fa banna ba itlhatlhobile ka dipalo tse di kwa tlase mme ba ba amilweng ke mogare dipalo tsa bone di le kwa godimo go na le tsa bomme.

O supile fa ditsetlana tse dingwe tse di dirisiwang go itepatepanya le seemo se e le lenaneo la Treat All le le rotloetsang gore botlhe ba ba tsenang ka kokelo ba tlhatlhojwe mme ba ba fitlhelwang ka mogare ba simolole kalafi gone foo.

Le fa go ntse jalo, Supt Katse o ne a supa matshwenyego a dipetelelo tse di ileng kwa godimo mo kgaolong ya gagwe, a supa fa bontsi jwa tsone di ama bana ba ba dingwaga di kwa tlase.

O kopile ba ba nang le go raelesega go kopa tshidilo maikutlo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : DITSHEGWANE

Event : Phuthego

Date : 26 Jun 2018