Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa dikotsi

26 Jun 2018

Mapodisi a Moshupa a mo ditlhotlhomisong tsa dikotsi tsa tsela tse di diragetseng mo motseng oo ka mafelo a beke.

Mo potsolotsong, mothusa mogolwane wa mapodisi a Moshupa, Assistant Superintendent Bosarutweng Motsewabeng, o tlhalositse fa e rile ka Tshipi (Seetebosigo 24) ga diragala dikotsi di le mmalwa mo motse oo mo e bileng go tlhokafetse motho a le mongwe.

O tlhalositse fa e rile gone ka Tshipi bosigo ba begelwa ka kotsi e e masisi fa gare ga motse wa  Moshupa mo kgotleng yoo-Matsila.

A re mo go yone kotsi eo, koloi ya modiro wa Runx e  e neng e kgweediwa ke monna wa dingwaga tse di masome mararo le motso e ne ya thulana le ya BMW e e neng e kgweediwa ke monna wa dingwaga tse di masome mane le motso.

Assistant Superintendent Motsewabeng o tlhalositse gore mokgweetsi wa Runx o ne a tabogisediwa kwa kokelwaneng ya Mmaseetsele teng kwa Moshupa ka dikgobalo tse di masisi, kwa go neng ga tlhalosiwa fa a tlhokafetse.

A re moswi o tlholega kwa Molepolole mme maina a gagwe a santse a lobilwe go fitlhelela ba losika ba itsesiwe.

O ne a tlhalosa fa mokgweetsi wa BMW le bapagami ba ba neng ba le mo dikoloing tseo bone ba bone dikgobalo tse dipotlana fela tse ba neng ba di alafelwa teng kwa kokelwaneng ya Mmaseetsele  mme ba gololwa.

E ntse e le dikgang tsa dikotsi, Assistant Superintendent Motsewabeng a re e rile bosigo jwa lone letsatsi leo mo tseleng ya Tshwaane, ba begelwa kotsi e nngwe fa koloi ya Landrover e ne ya thulana le sekotsekara sa ditonki.

O tlhalosiste fa mo go yone kotsi eo ditonki tse tharo di ne tsa aswa, fa sekotsekara sone se sugakane, mme mokgweetsi ene a ne a alafelwa dikgobalo tse dipotlana mme a gololwa.

E ntse e le bosigo jwa Tshipi, go nnile le kotsi ya tsela mo tseleng e tona ya A10 mo Moshupa gaufi le sekole sa tiro ya diatla fa koloi ya Opel Astra e ne ya thula tonki, mme mokgweetsi a bona dikgobalo tse dipotlana.

Assistant Superintendent  Motsewabeng o supile matshwenyego ka dikiotsi tse, a re go lebega di ne di diragala jaana batho ba ne ba boa go tswa kwa lobelong lwa Mmantshwabisi.

A re go botlhokwa gore fa motho a tsaya loeto a tsamaye go santse go bonala go tila lefifi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : MOSHUPA

Event : Potsolotso

Date : 26 Jun 2018