Breaking News

Batlokwa ba rera moalo

26 Jun 2018

Morafe wa Batlokwa o supile fa o dumalana le moalo wa ditlhabololo tsa motse wa bone o ba neng ba o bewa pele ke khansele ya Borwa Botlhaba.

Fa a bua ko phuthegong ya kgotla mo Tlokweng bosheng, Kgosi Puso wa Batlokwa a tlhalosa fa e rile mo diphuthegong tse di fetileng morafe wa fiwa sebaka sa go ntsha dikgatlhego tsa one tebang le ka fa ba batlang motse wa bone o tlhabologa ka teng.

O ne a tlhalosa fa go ne ga nna le phuthego ya kgotla Motsheganong a le lesome le borobabongwe, e mo go yone morafe o neng wa ntsha dikeletso tsa one mabapi le ka fa Tlokweng a ka thabologang ka teng.

“Mo diphuthegong tse di fetileng, matshwenyego a magolo a morafe e ne e le gore lefatshe ga le yo, lefatshe le fedile mme kakanyo ke gore moalo ka fa o ntseng ka teng ke go tsaya bonnyennyane jo bo setseng. Ke ka moo bangwe ba neng ba gana,” ga tlhalosa Kgosi Puso.

Kgosi o ne a tlhalosa fa seo e le ka ntlha ya gore Tlokweng o a gola, a tlhalosa fa dipalopalo di supa fa e rile ka 2001 palo ya batho ya bo e feta 20 000 mme mo dingwageng tse di lesome palo e ne ya gola ka 15 000.

A re seo se supa fa kgolo ya motse e le kwa godimo thata mme seo se ama lefatshe.

Kgosi o ne a tlhalosetsa morafe fa jaanong e le nako ya gore go nne le kgatelopele ka jaana baitseanape ba supile mo tshekatshekong eo gore go tshwanetse go nna le taolo ya gore motse o ka gola jang.

Kgosi puso o ne gape a bolela fa jaanong khansele e tsile go supa ditshekatsheko tse di dirilweng go leka go sireletsa le ba ba itshetsang ka temo le gore fa ba tseelwa lefatshe ba ya go atswiwa jang gore ba seka ba humanega.

O ne gape a tlhalosa fa a ne a kopane le mokwaledi wa lephata la tsa kabo ditsha mme ba buisana gore go nne le mokwalo o o tlaa dirwang go supa dikgatlhego tsa morafe tebang le moalo wa ditlhabolo tsa motse.

Fa a tlhalosa ka ditshekathseko tse ba di dirileng, mogolwane wa tsa mealo wa khansele Rre Emmanuel Ogotseng o ne a tlhalosetsa morafe ka fa Tlokweng a ntseng ka teng.

A re morafe ke one o ka supang gore o batla motse o gola jang.

Rre Ogitseng a re moitseanape yo o neng a romilwe o ne a tla ka dikakanyetso di le tharo tse di supang ka fa Tlokweng a ka golang ka teng.

A re le fa go ntse jalo, bone e le ba khansele ba ne ba tlhopha kakanyetso e e supang fa ba eletsa gore motse o ka tlhabologa jang go lebilwe madirelo, boroko ga mmogo le masimo le mahudiso.

“Mme fa re ntse re sekaseka re ne ra bona gore mo go ka nnang molemo ke gore motse o seka wa gola thatathata wa pagama masimo,” ga thalosa Rre Ogotseng.

Rre Ogotseng o ne a kaya gore  le ntswa ba thophile kakanyetso eo, morafe o na le seabe sa go supa gore bone ba batla eng ka jaana moalo o ama bone e le beng ba motse.

O ne a tlhalosa fa ba itse gore Batlokwa ke batho ba temo le leruo.

Ka jalo ba leka go sireletsa le go dibela masimo a Batlokwa.

E rile ba akgela mo moalong o, banni ba supa fa ba dumalana le se khansele e se ba beileng pele ka jaana ba eletsa gore motse wa bone o nne le ditlhabololo.

Morafe o ne wa kaya fa e le ba-rata temo le loruo mme fa moalo o dibela mafudiso le masimo a bone go molemo.

Le fa go ntse jalo bangwe ba ne ba tlhalosa fa ditlhabolo di tshwana le kokelo e kgolo ga mmogo le sekole se segolo e le dingwe tsa tse motse wa bone o di tlhokaang.

Ka jalo fa moalo o supa gore di siketswe lefatshe go molemo.

Moalo oo wa ditlhabololo tsa motse wa Tlokweng o santse o tlaa sekasekwa gape ke bogogi jwa motse ga mmogo le ba khansele go lebilwe dikgatlhego tsa morafe pele ga o tlaa fetela kwa go tona wa kabo ya lefatshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : TLOKWENG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 26 Jun 2018