Go tsofala yo o ratang - Maseko
26 Jun 2018
Mme Onkemetse Maseko, yo o dingwaga tse di masome marataro le borobabobedi (68), yo e leng monni wa Mandunyane, o ne a ithuta go dira ka diatla ka dingwaga tsa bo 1960 a dirisa thudi a loga ditlatlana le go roka diaparo.
Mme Maseko a re e rile a setse a itse go loga ka botswerere a simolola go ruta bomme ba bangwe tiro e ya go loga ka 1975 fa a ne a simolola go bereka e le mmaboitekanelo go fitlhelela a tlogela ka bogodi ka 2010.
A re e rile a setse a bereka o ne a loga e le tsela ya go itlosa bodutu mme le fa go ntse jalo a re batho ba ne ba kgatlhegela tiro ya gagwe e bile bangwe ba kopa gore a ba rekisetse.
Gape o ne a kgona go itshetsa ka go loga di jesi, mebese, dikobo, dikete le matsela a a kgabisang ditafole, mme seo se ne sa dira gore a kgone go tlhokomela ba lelwapa la gagwe.
Mme Maseko a re o ne a bona mothale o mongwe wa go itshetsa ka go ya kwa go kgetlwang teng bojang kwa Nata mme a re o nna a ya ngwaga le ngwaga fa go bulelwa go kgetlwa ga bojang.
O ne a tlhalosa gore o rekisa bojang mo Mandunyane a rekisetsa batho ba ba batlang go rulela.
A re o dira le dipheelo.
Gape o ne a tlhalosa gore o ne a bona e nngwe tsela ya go dira letseno ka go rekisa dikgeru tsa morula a bo a ntsha moko a rekisetsa segolo bogolo a rekisetsa ba ba tsayang madi a bogodi fa ile go tsaya a gagwe.
Mme Maseko o tlhalositse gore ga a kgone go nna fela ka diatla a sa dire sepe.
A re gape ke molemi-morui wa dihutsgane, mme o kgona leruo la gagwe ka go lema lablab gore e re fa go nna leuba le seka la bolawa ke tlala.
O rotloetsa bagolo gore ba nne ba dira ka diatla ba seka ba nna fela ba re ba godile ka gore go dira jalo ke gone mo go bakang gore ba gatelelwe ke malwetse.
A re go dira ka diatla go lapolosa tlhaloganyo e bile go dira gore motho seka a akanya thata.
Mme Maseko o ne a rotloetsa banana go rata tiro ya diatla ka gore e ka nna tsela nngwe ya go itshetsa e bile e ba ise golo gongwe.
O tlhalositse gore fa banana ba ka tsaya temo-thuo ka tlhoafalo ba ka seke ba tlhoke go bereka.
A re ba tshwanetse go dira ka diatla, ba seka ba emela go batlelwa ditiro ke puso ka gore ba na le maatla a go tlhokomela dijalo le leruo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Edith Sebati
Location : MANDUNYANE
Event : Potsolotso
Date : 26 Jun 2018



