Olopeng o rotloetsa itshidilo mmele
26 Jun 2018
Tona wa lephata la banana, metshameko le tlhabololo ngwao, e bile e le mopalamente wa Tonota, Rre Thapelo Olopeng o kgothaditse banni ba Tonota go tsaya karolo mo itshidilong mmele ka e oketsa malatsi a go tshela le go tila makoa.
O buile jaana kwa mabaleng a sekole se sebotlana sa Tonota fa a ne a simolodisa semmuso mokgatlho wa go itshidila mmele wa Tonota Fitness and Wellness Club bosheng.
Letsatsi le le ne le tletse ditiragalo di akaretsa itshidilo ya mmino, mabelo a dinamune, mae le dikgetsi, kgogo kgaisano ya mogala.
Tiro e e ne e tshologetswe ke makalana a a farologanyeng a botsogo.
Rre Olopeng a re o simolotse mogopolo wa itshidilo mmele kwa Gaborone a lebile segolo bogolo badirela puso, se e le tsela ya go tokafatsa matshelo le maduo mo tirong.
Ka jalo a bona go le botlhokwa gore a seka a tlogela motse wa gagwe kwa morago gore e nne sekai sa batho ba ba itshidilang.
A re o tswa kgakala a bua gore ba botsogo ba re fa motho a tshela ka go itshidila o tila malwetse a a sa tshelanweng jaaka sukiri le madi a matona, go tila go akanya thata go bo go dira motho gore a nne a le matlhagatlhaga.
O tlhalositse fa a eletsa gore bana le bagolo ba tsee karolo mo go itshidileng, a tlatsa ka go re o itemogetse fa bagolo ba sa itshidile, selo se a reng se dira gore ba tshabelelwe ke malwetse.
Rre Olopeng o kopile banni gore ba seka ba diga serodumo sa mokgatlho o.
A re ba ikgaoganye ka dikgotlana tsa bone ba bo ba batla kwa ba tlaa nnang ba kopanela teng go tsweledisa itshidilo go nna tiro ya letsatsi le letsatsi.
Mongwe wa batsaya karolo mo ditirelong tsa letsatsi Mme Patricia Benfield wa dingwaga tse di masome a marataro le bone, yo o boletseng fa a ya go tswelela le mokgatlho o lebogetse maiteko a ga Tona Olopeng.
A re o kgonne go itlhatlhobela malwetse ka go farologana ga mmogo le go itshidila, selo se a sekeng a se dira kwa lapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Priscilla Kgang
Location : TONOTA
Event : Tshimolodiso semmuso ya mokgatlho wa go itshidila mmele
Date : 26 Jun 2018



