Batsadi ba rotloediwa go ititaya ka thupana
25 Jun 2018
Batsadi ba kgothadiwa go godisa bana mo malwapeng ka tsela e e amogelesegang ka go le botlhokwa gore ngwana a nne le boitekanelo le dikotla mo mmeleng.
Fa a bua bosheng mo boemong jwa ga Kgosi II, wa ga Ngwaketse, kwa ipelelong letsatsi la mafatshe a Afrika la mokento kwa Moshaneng, Kgosi Kwelagobe Mookodi o ne a re setshaba se tsee karolo go tlhomamisa fa mongwe le mongwe a sireletsegile mo malwetseng otlhe a a ka thibelwang kgotsa a alafiwa ka mokento.
Letsatsi le, le ne le ipelelwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Tshaba e e Kentilweng ke Tshaba e e Itekanetseng.
A re mokento o, o lebagane bana ba dingwaga tse tlhano go ya kwa tlase.
O tlhalositse fa Botswana e ipelafatsa ka go keteka letsatsi le la mafatshe la mekento le maitlamo a lone e leng go ema nokeng, go nonotsha le go rotloetsa ditirelo tsa tse di amanang le go ajwa ga mekento mo kgaolong, le gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo le tshiamelo ya go kentwa kgotsa go bona ditirelo tsa mekento.
A re mokento ke kalafi e e seng turu e bile e le bogadi bo gaufi, a tlatsa ka go re mokento o botlhokwa ka o ka thibela go koafala le tse di bakwang ke malwetsi a a ka thibelwang.
O ne a tlhalosa fa maikaelelo a lephata la botsogo le boitekanelo e le go tlhomamisa fa batho ba kentwa ka bontsi ka e le mofuta mongwe wa go thibela malwetse mangwe.
E re go le jalo, o ne a tlhalosa fa bomme ba rotloediwa go amusa ka lebele ka mashi a teng a na le dikotla fela thata.
A re gape go itlhatlhoba o le mo mmeleng go botlhokwa ka ba bongaka ba ka tsibogela seemo ka nako ya pelegi mme ba ntshe thuso e e maleba.
O ne gape a tlhalosa fa lenaneo la thibelo ya mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa loseeng le siametse bomme ba ba itsholofetseng ba tshela ka mogare wa HIV.
Rre Mookodi a re go mosola thata gore setshaba se tshwaraganele go lwantsha malwetse a a amang bana e seng go tsibogela fela go lwantsha malwetse a setse a tsene motho mme e leng go a thibela a ise a tsene.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lephata la botsogo kwa Kanye Mme Pontsho Keretetse a re maikaelelo a bone a letsatsi le, ke go rotloetsa batsadi go tlhomamisa gore bana ba tsaya mekento ka fa tshwanelong.
Mme Keretetse o tlhalositse fa go na le bana ba ba tsayang mokento morago ga nako fa ba bangwe ba e tlodisa.
A re maikaelelo a go fa bana mokento ke go thibela bolwetse jo bo kentelwang gore bo seka jwa tsena ngwana, a tlhalosa fa go retelelwa ke go isa bana kokelong go ya go tsaya mokento go baya bana mo diphatseng tsa go tsenwa ke bolwetse.
O ne a tlhalosa fa ba afa bana mekento go simolola fela fa ba tsholwa go fitlhelela ba le dikgwedi tse nne ba bo ba fiwa gape ba le dikgwedi tse di ferang bongwe le dikgwedi tse di lesome le borobabobedi.
A e fiwa bana ba ba dikgwedi tse thataro go fitlha di le lesome le motso le ba ba dikgwedi tse di lesome le bobedi go fitlha ka tse di masome a matlhano le boferabongwe ka Motsheganongle Ngwanatsele.
A re e felwa go thibela bofofu gape e thusa le mo kgolong ya ngwana e bile e sireletsa mmele wa ngwana gore a seka a tshabelelwa ke malwetse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Khumoyame Laetsang
Location : MOSHANA
Event : Letsatsi la Mafatshe a Afrika la Mokento
Date : 25 Jun 2018



