Breaking News

Dikgwebo tsa ba-na-le bogole ba tlhoka thotloetso

25 Jun 2018

Mogolwane go tswa kwa lephateng la Peeletso, Papadi le Madirelo, Mme Mpho Lucas a re ba-na-le bogole ba saletse kwa morago mo dilong tse dintsi di tshwana le tsa kgwebo le go akola mananeo a puso.

O boletse jaana kwa thuto-puisanyong ya ba-na-le bogole e e neng e tshwaretswe kwa holong ya Marapalalo kwa Kanye bosheng gore ba ofisi ya gagwe ba itremogetse gape botlhokwa jwa go nna le ofisi e e tlaa lomaganyang ba-na-le bogole ba bagwebi le lephata.

O bua jaana ka go na le dikgwebo tsa ba-na-le bogole di feta lekgolo mo Kanye, mme bontsi jwa tsone di thetheekela kana di sule gotlhelele.

E ne e rile go le pele mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Kanye Administrative Authority, Mme Motlhatlosi Tshoganetso a bolela fa mo kgwebong ya thuo ya dihutshane, di le masome a mararo le botlhano go tshela di le masome a mabedi le bobedi, fa mo go tsa temo ya mo digotlong di ne di le tharo mme jaanong go tshela di le pedi fela.

A re tiro ya tshomarelo di-tsa tlholego e ne e le nngwe mme e santse e tshela.

A re ditante tsone di ne di le lesome le borataro e bile di tshela tsotlhe.

Mo go tsa go roka, Mme Tshoganetso o boletse fa go dira di le tlhano fela fa tse dingwe tse tharo di sa tlhole di bereka.

A re mo dikgwebong tsa ba-na-le bogole tsa dimauso ke e le nngwe fela mo go tse di neng di abilwe di le thataro e e sa ntseng e setse.

Fa a leboga, mokhanselara wa Marapalalo, Rre Kabelo Lemme o ne a rotloetsa ba-na-le bogole go nna pelokgale.

Rre Lemme  o kopile ba-na-le bogole  go ya go ithutela kgwebo le go e anya mo bagwebing ka bone.

A re makalana a tshwana le LEA a na le bokgoni jwa go rutuntsha bogwebi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Thuto Puisanyo

Date : 25 Jun 2018