Lobelo la dibaesekele le rotloetsa boitekanelo
25 Jun 2018
Leloko la komiti ya ipabalelo tseleng kwa Tutume, Rre Kedibonye Mooketsi o kopile bapagami ba dibaesekele go baakanya dibaesekele tsa bone nako tsotlhe gore di nne mo seemong se se siameng.
Rre Mooketsi o boletse seo kwa dikgaisanyong tsa mabelo a dibaesekele kwa Tutume bosheng.
A re baesekele ke sedirisiwa se se motlhofo se se sa lopeng sepe gape se sa kgotlele tikologo jaaka koloi.
A re baesekele e tshwanetse go tsenngwa dipone tse di tsabakelang kwa pele le kwa morago gore e kgone go bonala sentle fa go le bosigo.
A re gape le dithaere di tshwanetse go nna tse di siameng le maremo a itekanetse.
Rre Mooketsi a re go le gantsi bapagami ba baesekele ga ba e le tlhoko dilo tseo mme ke tsone tse di bakang dikotsi.
A re gape ba na le go sa rwale makarapa go itshireletsa ka nako ya kotsi.
O tlhalositse gore baesekele ke sepalamo fela jaaka koloi, ka jalo e tsamaya e le ka fa letsogong la molema.
A re bontsi jwa bapalami ba dibaesekele ga ba dire jalo ba tsamaya ba le ka fa letsogong la moja, ka go rialo ba roba molao wa tiriso ya tsela, selo se ba ka se otlhaelwang e bile ba tsenya matshelo a bone mo kotsing.
O ne a leboga morotloetsi wa mabelo ao, Rre Wachila Khani a re mabelo ao a ruta banni tiriso e e siameng ya baesekele mo tseleng ya dikoloi ka e bile baesekele e le sepalamo sa maemo a ntlha mo kgaolong ya Tutume.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng wa kgaolo ya Nkange, Mme Tshokolo Matenje o ne a galaletsa maiteko a morotloetsi wa mabelo ao a baesekele ya Hamba.
Mme Matenje a re Tutume o tumile ka baesekele, ka jalo a re se Rre Khani a se dirileng ke go tsosolosa tiriso ya baesekele ka go lebega baesekele e nyelela ka monokela ka batho ba ikaegile ka dikoloi mo malatsing ano.
A re go palama baesekele go rotloetsa go itshidila mmele, ka jalo a kopa bomme go tsena dikgaisanyo tseo ka bontsi go itshidila.
Fa a tswa la gagwe, Rre Khani o ne a re maikaelelo a mabelo ao ke go oka banana go nna le letsatsi la go itshidila mmele le go itlhatlhobela malwetse ka go farologana.
Rre Khani a re o simolotse dikgaisanyo tseo ngogola, a supa fa monongwaga tshologelo e le ntsi ka banana ba ikwadisitse ka dipalo tse dintsi.
O ne a leboga komiti ya ipabalelong tseleng, BONELA, lephata la botsogo le a mangwe go mo ema nokeng.
A re ka lone letsatsi leo ba kgonne go isa ditirelo tsa bone kwa bathong.
Rre Gosiame Baikepi ke ene mofenyi wa lebelo leo la Wachila Khani Bicycle Race a ikgapela P500 a salwa morago ke Rre Jenamo Magaga le Rre Baboloki Mogothoyi bone ba gapa P400 le P300 ka go latelelana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Dikgaisanyo tsa mabelo a dibaesekele
Date : 25 Jun 2018



