Breaking News

Mamo o tshela ka digalase

25 Jun 2018

Lekawana le le dingwaga tse di masome mabedi le botlhano go tswa Masunga, Rre Nlisi Mamo ke mongwe wa banana ba ba tlhaga mo ga gabo e bile a tsaya kwebo ya gagwe ya go sega digalase ka thoafalo.

Rre Mamo yo o neng a retelelwa ke lekwalo la boraro, o ne a inaakanya le lenaneo la banana go tsweledisa ditoro tsa gagwe ga mmogo le o ogola ba ga gabo mo lehumeng.

Mo potsolotsong, o tlhalositse fa kgwebo ya go rekisa le go tsenya digalase e le nngwe ya tse di nwegang moro mo Masunga, a tlatsa ka go re e re le ntswa a atle a kopane le makgwere, ene le ba ga gabo ga ba lale le tlala, a supa gape fa a kgonne go ikagela fa a latsang tlhogo teng.

Rre Mamo a re o ne a thusiwa ka P89 834 mme a kgona go ithekela didirisiwa tse di ka mo tlodisang melatswana.

Go simolodiseng kgwebo ya digalase, Rre Mamo o tlhalositse fa go ne go na le tlhaelo ya digalase ga mmogo le ba ba thusang go di tsenya, ka jalo a lemoga fa seo se ka mo isa golo gongwe.

O supile fa a rekisa mefuta ya digalase e le mokawana e akaretsa tsa matlo, diipone tse dinnye tsa dikoloi, digalase tsa mabati, a tlatsa ka go re o eletsa go atolosa kgwebo ka go rekisa digalase tse ditona tsa dikoloi.

A re e re le ntswa kgwebo e e dira bontle, o itemogetse fa theko e le kwa tlase, segolo bogolo ka dikgwedi tsa Firikgong go fitlha ka Mopitlo.

A re ga a jesiwe diwelang ke ba ba tshamekang koi ka kgwebo ya gagwe, a tlhalosa fa bangwe ba kopa go segelwa digalase mme e re morago ba bo ba sa di duelele ba tlhalosa fa e se tsone tsa dikeletso tsa bone fa bangwe ba ikanya go reka go sele.

“Galase e turu mme fa o e segile ke ditshenyegelo tse ditona, bangwe ba re segisa digalase mme morago ba fetole mogopolo,” a tlatsa.

A re seo se diga kgwebo ya gagwe ka a dirisa madi go reka digalase tseo kwa PG Glass kwa Francistown.

Ntle le go aga bonno, Rre Mamo o supile gape fa a kgonne go itirela teseletso ya go kgweetsa, selo se e leng gore se mo solegela molemo ka a dirisa koloi thata go rwala dithoto tsa gagwe.

A re o na le dikeletso di le dintsi ka kgwebo ya gagwe, ka jalo a kopa thotoetso mo Batswaneng gore a tle a kgone ditoro tsa gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 25 Jun 2018