Breaking News

Go tlhoka go duela komiti ya ditlhabololo go busetsa morago

25 Jun 2018

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo mo Ntlhantlhe, Mme Joyce Matubako o supile fa ba sa jesiwe diwelang ke go sa duelweng sentle ga matlo a boroko ke bahirisi.

Fa a bua mo potsolotsong, Mme Matubako o kaile fa gantsi badirela puso e le bone ba leng maoto a tshupa go duela, mme a supa fa mokgwa wa go sa dueleng matlo a VDC go busetsa kwa morago maikaelelo a bone a go tlhabolola motse.

A re dikgang tsa go nna jaana ba felela ba di fetisetsa kwa bagolwaneng ba bahirisi le fa nako tse dinngwe go atle go retele le fa ba isitse kgang kwa bagolwaneng mme ba ye go felela kwa kgotleng ya ditsheko, kwa ba felelang ba duela teng.

A re ba banngwe ba kgona go felela ba fudugela kwa mafelong a manngwe ka tsa tiro ba tlogela sekoloto kwa morago mme ba tlamege go sala batho ba mofuta oo morago gore ba duele le ditshenyegelo.

Mo go tse dinngwe mme Matubako a re ba tshwenngwa ke matlakala a a sa latlhweng ka tsela e e babalesegileng mo motseng ga mmogo le kwa ntle ga motse mo maemelong a dikoloi le mo nageng le ntswa go na le matlwana a a faphegileng a go latlhelwang matlakala mo go one.

Mme Matubako o kgadile batho ba ba latlhelang metseto ya bana gonngwe le gonngwe le ntswa ba botsogo ba ruta batho ka tsela e e babalesegileng ya go latlha metseto.

A re metseto e e borai mo matshelong a batho ga mmogo le mo leruong ka e ka baka bolwetse jwa mabele jo bo bakwang ke leswe la go nna jalo.

O boletse gore fa matlakala a sa latlhwe ka tsela e e babalesigileng a ka nna borai mo baneng, ka ke batho ba ba ratang go tsamaya ba selasela senngwe le senngwe.

O tlhalositse fa gantsi matlakala a go supafala fa a latlhwa ke bafeti ka tsela bosigo ka dikoloi.

Mme Matubako o kaile fa letlhafula le lone le dira matlakala a mantsi, a a ka laolesega fela fa batho botlhe ba ka itlama go babalela tikologo.

A re o rotloetsa batho go phepafatsa bonno ga mmogo le tikologo ya bone ka nako tsotlhe go itsa go tsenwa ke malwetse a a bakwang ke leswe.

O ne a kopa morafe go emisa go tshuba matlakala ka le gone go sa siamela botsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Galaletsang Letshoo

Location : NTLHANTLHE

Event : Potsolotso

Date : 25 Jun 2018