Okelang borre kwa kerekeng
25 Jun 2018
Mokgothatsi go tswa kwa kerekeng ya Lontone mo Maun, Mme Motlagomang Maochadza o gwetlhile dikereke go tswelela di ngokela borre mo tumelong.
A re bontsi jwa dikereke bo phophoma ka maloko a bomme mme borre ba santse ba le maoto a tshupa go inaakanya le dikereke.
O buile jalo jaaka fa a ne a kgothatsa ba kereke ya Spiritual Healing bosheng.
A re go a itumedisa ka yone e gatetse pele go ngokela borre mo tumelong.
Mme Maochadza a re ke selo se sentle go bona borre bogolo jang banana ba ikgogela kerekeng a re botlhoka tsebe malatsi ano bo iphile maatla ebile banana ba saila mo mebileng.
A re kereke ya Spiritual ke sekao mo dikerekeng tse dingwe ka jaana borre ba tsaya karolo mo ditirong tsa kereke jaaka moopelo le tse dingwe.
O ne a eletsa e ka re dikereke tsei dingwe di ka tsaya malebela mo go yone ka ditiro tsa yone di molemo t.
A re maloko a kereke eo a tshwanelwa ke go iteelwa legofi ka jaana ba tlotla le yone kapari ya bone.
A re le dipina tsa dikereke tse dingwe ba di natefisa ka molodi wa kopelo ya bone.
Le fa go ntse jalo, Mme Maochadza o ne a lebogela tirisanyo ya kereke eo le ya Lontone a re go le gantsi ba emana nokeng mo ditirong ka jaana botlhe ba direla Modimo a le mongwe.
Mongwe wa bagolwane ba Spiritual go tswa Matsiloje, Mma- Bishop Morwadi Rantsudu o ne a kgothatsa phuthego ya Maun le Letlhakane go thulanya ditlhogo gore ba ntshe seabe sa bone mo kagong ya ntlo ya ditso e e tsweletseng kwa Matsiloje kwa kereke eo e thaetsweng teng.
O boletse fa kgaolo ya Bobonong/Matsiloje e gatetse pele ka jaana ba kgonne go ntsha P10 000 mo kagong ya ntlo eo mme a kopa makalana a kereke otlhe lefatshe ka bophara go emela tiro eo ka dinao go re e atlege.
O supile gape fa ba tsile ka methale e e farolganyeng go kgobokanyetsa tiro eo madi.
A re ba na le tiro ya ‘Reka setena ka P5’ a supa fa le one e sa tsamaye jaka ba ne ba solofetse ka jaana maloko a santse a goga dinao.
Ntlo eo e tshwanetse go bulwa semmuso ka Phatwe jaaka kereke eo e tlaa bo e ipelela segopotso sa dingwaga tse di masome a marataro le botlhano e ntse e le teng.
Mma-Bishop Rantsudu o boleletse phuthego eo fa bontle bo itirelwa, ka jalo a ba gwetlha gore ba di goge kwa pele ka go sena ope yo o tswang kwa ntle go tla go ba direla tiro.
E re dikgang di eme jalo, ba mokgatlho wa Mother Choir go tswa mo Maun ba dirile dikopi tse di supang ditlhogo tsa basimolodi ba kereke eo ba lelwapa loora Motswasele.
Dikopi tseo di tlaa rekisiwa e le tsela nngwe ya go kokoanya madi a a a tlaa thusang go tlhabolola kereke ya Maun.
Go supilwe fa dingwe tsa dikopo tseo di tlaa isiwa kwa ntlong ya ditso gore dikokomane tse di tlang di ithute ka ditso tsa kereke eo.
Mohumagadi wa mookamedi wa kereke, Bisho Tiny Motswasele o ne a akgola maiteko a ba mokgatlho wa Mother Choir a re ba dirile ditso.
O gwetlhile maloko ka kakaretso go ema maiteko a bone nokeng ka go reka dikopi tseo ka a re di tshwere molatesa o o botlhokwa o o supang otlhala wa kereke. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego ya Kereke
Date : 25 Jun 2018



