Tshenyo ya metsi e tshwenya lephata
25 Jun 2018
Mothusa mogolwane wa koporase ya ditlamelo tsa metsi mo go tsa maranyane, Rre Paul Mafavuneh o kopile setshaba go tshwaraganela tlhokomelo ya metsi.
A re go dira jalo go ka hema koketsego ya dituelo tsa madi ga mmogo le tshenyego ya metsi.
Mogolwane o buile jaana kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke lephata la gagwe kwa Serowe bosheng.
A re tlhokomelo ya metsi ga e a tshwanela go nna boikarabelo jwa lephata la bone fela, ka metsi a le botlhokwa mo matshelong a botlhe.
O ne a tlhalosa fa tiro ya lephata la gagwe e le go rurifatsa gore Batswana ba nwa metsi a a phepa ka dinako tsotlhe le gore ba bona metsi ka nako.
Rre Mafavuneh a re ba dira bojotlhe go phatlhalatsa metsi mo digaolong tsotlhe tse di tlhokang metsi, e bile ke maikarabelo a bone go baakanya dipompo tse di dutlang, kgopho ya metsi a a leswe le mealo ya metsi mo lefatsheng.
O ne a kopa Batswana go nna ba bala mmithara wa metsi.
A re ba lebagane le kgwetlho e tona e leng go senyega ga metsi kwa dikoleng, a tlhalosa gore tshenyego ya metsi e ntsi kwa dikoleng mme selo se se dira gore ditiro tse dingwe tsa ditlhabololo di salele kwa morago ka gore madi a a tshwanetseng gore a dirisiwe a ya kwa dituelong tsa metsi ka metsi a le botlhokwa mo matshelong a batho.
Moanamisa mafoko a koporase Mme Beauty Mokoba a re mo dingwageng tse di tlang Batswana ba tlaa bo ba anwa metsi a boleng jo bo kwa godimo.
A re ke bone ba ba rurifatsang gore Batswana ba nwa metsi a a phepha ka go a tlhatswa.
A re ba tshwenngwa ke batho ba ba bonang metsi a dutla mo ditseleng ba bo ba sa ba bolelele ka nako go tla go baakanya fa go dutlang teng, ntswa nomoro ya mahala e le teng ya 0800555555555.
Mme Mokoba a re gore ba kgone dikgwetlho tsa metsi ke gore go nne le tshwaragano.
A re kgwetlho e tona ke gore ba tshwenngwa ke sekoloto sa metsi kwa dikoleng.
A re o tlaa fitlhela e le kwa godimo mme ba sa duele ka nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepiso Botshelo
Location : SEROWE
Event : Bokopano
Date : 25 Jun 2018



