Ramakgwa o gweba ka go bina mo meketeng
24 Jun 2018
Go tlwaelesegile gore ka lenyalo go nne le baetsana mme ba natetshe moletlo ka go bina.
Le fa go ntse jalo, dinako tse dingwe go nna thata gore banyadi ba kgone go nna le baetsana ka jaana dilwana tsa go emisa di le turu.
Ke gone ka moo Rre Ogomoditse Ramakgwa wa Tswagare kwa Morolong a neng a tlhama setlhopha se se binang mo manyalong mme a se bitsa Silver Diamond kwa Old Naledi mo Gaborone.
A re o kile a emisa lenyalo la ga ntsalae mme morago a tlelwa ke mogopolo wa go dira seo kgwebo.
O tlhalosa mo potsolosong fa ba simolotse ba le lesome mme gone jaana ba supa mme seo se sa mo kgobe marapo.
A re ba itheketse kapari ya bone mo mabenkeleng mme mo nakong ya gompieno ba mo tseleng ya go reka e nngwe ka jaana mebala e e dirisiwang mo manyalong e farologana go ya ka dipaka.
Rre Ramakgwa a re mo bogompienong bokamoso jwa setlhopha bo a solofetsa ka jaana ba bonye rre mongwe yo o ba thusang ka madi.
‘Bangwe ba ba neng ba re tlogetse ba simolotse go boa mme ba bangwe re santse re le mo dipuisanyong nabo go oketsa setlhopha.’
A re tiro ya setlhopha ke go ruta ditepe tsa manyalo, go bina mo meletlong mme ba eletsa gore mo isagong ba oketse letseno la bone ka go adimisa ditante tsa meletlo.
O bolela fa kgwetlho e ba nang nayo e le go bapatsa Silver Diamond ka jaana ba tlhoka madi go dira jalo.
A re gore setlhopha se gole ke gore batho ba se itse mme seo se ka direga fela fa ipapatso e le e e mashetla.
Godimo ga moo, kgwetlho e nngwe e e ba tshwenyang ke ya ditlhwatlhwa.
A re banyadi ba nna dingalo go beelwa ditlhwatlhwa mo ba felelang ba duela se bone ba se batlang.
O ne a nankola le gore lefelo le ba ikatisetsang mo go lone ga le ise le nitame ka jaana ba kgona go ikatisetsa kwa Mogoditshane kgotsa kwa Old Naledi, mme fela a le mo dipuisanyong le mongwe yo o ba solofeditseng lefelo la sennela ruri.. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sylivia Disele
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 24 Jun 2018



