Banana ba kereke ba abela mokgatlho
24 Jun 2018
Banana ba Head Mountain of God Apostolic Church in Zion go tswa makalaneng a mane a Gaborone, Maun, Francistown le Selebi Phikwe ba abetse mokgatlho wa Bana Ba Letsatsi didirisiwa tsa go tlhapa le dikobo.
Banana bao ba ne ba kopanetse mo Maun go tla go tshameka kgwele ya dinao le bolo-tloa ka maikaelelo a go gasa lefoko la Modimo kwa bananeng ba bangwe gore ba kgatlhegele go ikanya Modimo.
Mokgatlho wa Bana Ba Letsatsi o thokomela bana ba dikhutshana le ba ba tlhokileng lesego.
Fa a bua kwa kabo dimphong eo, mokhanselara wa Shashe, Rre Otlaadisa Ramokone o lebogetse banana ba kereke eo go kgathalela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
A re gantsi banana ba amanngwa le botlhoka tsebe mme a akgola ba kereke eo go bo ba ikgethetse tsela e e molemo ya go tsena kereke le gone go tsaya karalo mo go direng pharolognayo mo matshelong a ba bangwe.
O ne gape a supa fa kereke e le botlhokwa mo go fetoleng matshelo a batho, ka jalo a rotloetsa banana go tsena dikereke gore ba kgone go nna le isago e e botoka, a tlatsa ka go re ke boikarabelo jwa bone go fetola matshelo a bone.
Rre Ramokone o ne a rotloetsa banana bao go jwala mowa o montle oo lefatshe ka bophara.
A re matlhoki a mantsi mme ba thuse fa ba kgonang teng.
Modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganyetsa kabo dimpho eo wa lekalana la Gaborone Rre Joseph Toitoi o tlhalositse fa ba ne ba kgobokanya madi go reka dimpho tseo.
A re ba ne ba bona go tshwanela gore fa ba tla go aba dimpho tseo, ba tshegetse metshameko e le tsela nngwe ya go ngoka banana ba ba santseng ba saila mo mekgwatheng go ikatumetsa gaufi le Modimo le go rotloetsa itshidilo mmele le boitekanelo mo kerekeng.
O ne gape a re ba tlhophile go direla kabo dimpho eo kwa mabaleng go na le kwa kerekeng gore ba kgone go ngoka bontsi jwa banana ka ba lemogile fa ba kgatlhwa ke metshameko gore ba kgone go gasa molaetsa wa Modimo sentle.
Rre Toitoi o tlhalositse fa ba simolotse ditiro tsa go thusa ka 2009, a tlhalosa fa ba ntse ba abela legae la bana la SOS kwa Francistown fela, mme ngwaga ono ba bona go tshwanela gore ba lebe kwa Maun go thusa mokgatlho oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepo Botshelo
Location : MAUN
Event : Kabo dimpho
Date : 24 Jun 2018



