Dikago tsa sekole di diphatsa - Dibeela
24 Jun 2018
Modulasetilo wa khansele-potlana ya Kanye Rre Tlhomamo Dibeela o ikuetse mo batsading ba ba kgonang gore ba tsee bana ba bone ba ba tsenang kwa sekoleng se sebotlana sa Sebego kwa Kanye ba ba fudusetse kwa Ketlogetswe, Logaba, Motsatsing le Makaba
Boikuelo joo bo tla jaana mo phuthegong e Rre dibeela a neng a e biditse kwa goora Sebego mo kgaolwaneng ya Mmatshitswane kwa Kanye go tlhalosetsa batsadi ka mosuke o o leng teng kwa matlong a borutelo kwa Sebego.
Mosuke o bakilwe ke gore kago ya matlhatlaganyane ya sekole se sebotlana sa Sebego e e tsenyang matlo a borutelo a le marataro e a ranyega.
Rre Dibeela yo gape e leng mokhanselara wa Dilolwe mo Kanye o tlhalositse fa kago eo e agilwe ka 1999 mme e ntse e le mo seemong se se siameng e bile e sa supe sepe se se ka nnang diphatsa mo matshelong a batho go fitlhelela dipula tse di mashetla tsa Dineo di na.
A re pula ya Dineo e ne ya na ka bokete mme ya oketsa metsi kwa tlase ga lefatshe, ka jalo seemo seo sa metsi a a bontsi bokalo sa babalela kago eo mme ya simolola go ranyega.
O tlhalosa fa kago eo e agilwe morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng ke bomaitseanape ba dikago mme ba seka ba bona sepe se se ka e kgoreletsang.
Rre Dibeela a re e rile fa kago eo e simolola go thubega bomaitseanape ba bidiwa gape go tla go sekaseka kwa bothata bo tswang teng mme ba supa fa kago eo e thubega ka jaana e amilwe ke metsi a mantsi a a tswang kwa tlase ga lefatshe.
A re mme ka nako eo ba ne ba supa fa e santse e ka dirisiwa fela fa e ka fokolediwa bokete ka go ntsha baithuti kwa dikagong tse di kwa godimo.
Rre Dibeela o tlhalositse fa matlo a borutelo a a kwa godimo mo kagong eo a sa tlhole a dirisiwa, selo se a reng se dirile gore go nne mosuke mo matlong a borutelo kwa sekoleng seo.
A re mme e le bogogi jwa khansele ga ba a nna fela ba tsweletse ka gotswa ka megopolo le ditsela tsotlhe tse di ka thusang gore baithuti ba lekanwe ke matlo a borutelo.
A re mo nakong eno maikaelelo ke go baakanya ntlo ya boapeelo go nna mo seemong sa ntlo ya borutelo.
A re gape ba adimile di kharabene tse pedi kwa sekoleng se sebotlana sa Betesankwe tse di neng di dirisiwa sekole seo se santse se tlhaelelwa ke matlo a borutelo mme ba santse ba le mo thulaganyong ya gore di goroga jang kwa Sebego, a gatelela ka gore ke dikharabene tse ditona.
A re fa di ka tla ka nako, e be ntlo ya boapeelo e nna mo seemong se se siameng kgang ya go fodusetsa bana kwa dikoleng tse dingwe e ka phirimelwa ke letsatsi.
Batsadi ba ne ba tlhalosa fa ba tlhobaediwa ke bana ba ba santseng ba rutelwa mo kagong eo le mororo ba sa dirise matlo a a kwa godimo, ba gatelela ka go re ba kopa gore bana bao gammogo le barutabana ba ntshiwe mo matlong a kago eo ka jaana matshelo a bone a le mo diphatseng.
Ba buile gore ga ba dumalane le kgang ya gore kago eo e ka tsenngwa dipilara ya baakanngwa mme ya dirisiwa gape.
Ba re ga ba sa tlhole ba tshepha seemo sa yone mme ba kopa gore e seka ya tlhatlaganngwa gape.
Ba re sekole seo se agilwe mo lefelong le le motsitlane, ka jalo ga le a siamela kago ya matlhatlaganyane.
Ba supile matshwenyego ka seemo sa go fudusetsa bana kwa dikoleng tse dingwe.
Ba re thulaganyo eo e tsile go ba turela ka ba tlaa patelesega go reka paka e nngwe ya sekole, fa bangwe ba ne ba re a bana bao khansele e tlaa ba batlela koloi e e ba isang sekoleng ka jaanong ba tlaa bo ba le kgakala le malwapa a bone.
Bangwe ba supile matshwenyego ka matlo a boitiketso kwa sekoleng seo ba re ga a mo seemong se se itumedisang ka a nna fela a tletse metsi mo teng, selo se ba reng ga se a siamela botsogo jwa baithuti bao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Phuthego
Date : 24 Jun 2018



